Breaking News

Koporase e kgala tshenyo ya mafaratlhatlha

25 Aug 2022

Banni ba meraka e e mo tikologong ya metse ya Bodibeng le Bothatogo ba kopile puso go sekaseka kgang ya go siela metsi Batswana gongwe le gongwe kwa ba leng teng.

Ba ikuetse jalo mo phuthegong e e neng e buisiwa ke ba koporase ya metsi mabapi le tshenyo ya mafaratlhatlha a metsi e e jweleletseng mo merakeng eo.

Water Untilities Corporation  e lela ka tshenyo ya diphaephe tse di gogang metsi go tswa kwa tankeng ya Semolo go isa metsi kwa metseng e e mo tikologong.

Le fa go ntse jalo, banni ba supile fa le bone ba tshwenyega ka tshenyo, sebe sa phiri e le go tshelela mo lenyoreng mo bangwe ba felelang ba thuba diphaephe tsa metsi go nwa.

Ba supile fa bangwe ba retelelwa ke go ya go paka metsi kwa metseng e e mabapi ka ntlha ya letlhoko la ditsompelo. Banni ba ganeditse ka bongwefela kgang ya gore ba senya jalo go nosa leruo la bone ba supa fa ba sa tlhoke metsi a leruo ka ba na le didiba.

Ba tsweletse ba re tshenyo e bakiwa ke go tlhoka metsi a a phepha a a siametseng go nowa mme ba supa gore tharabololo ya bothata joo ke go sielwa metsi.

Bangwe ba ikuetse mo koporaseng go kgalema bao ba ba pakang metsi ka dikoloi ka ba oketsa lenyora mo metseng fa bangwe ba kopile gore thulaganyo e e dirisitsweng go siela ba moraka wa Thololamoro e dirisiwe le mo go bone.

Mongwe wa banni, Rre Israel Dimbo o ne a kopa puso go dira ditekeletso tsa go siela batho metsi a nowang go bona gore a mme tshenyo e ka tswelela.

A re ga gona ope yo o itumelelang tshenyo ka jaana ditlhabololo tseo di direlwa bone go di akola.

A re o dumela gore fa puso e ka ba beela tanka ya metsi seemo se ka fetoga ka ponyo ya leitlho.

Rre Balepi Kgetho, yo le ene eleng monni wa meraka eo, o kopile ba koporase ya metsi go lotlela mahuti (mainhole) a bone a re magodu a leruo a latlhela ditlhogo tsa leruo mo  mahutingng ao.

A re go lotlela go ka fema kgotlelesego ya metsi ka jaana diphaephe tseo di isa metsi a a phepha kwa metseng.

Monni yo mongwe, Rre Laauda Ndjarakana a re ba tswa kgakala ba lela ka lenyora mme le ene a kopa gore ba beelwe tanka ya metsi go fema tshenyo.

A re le bone ba a tshwenyega fela jaaka koporase mme a kopa gore puso e ba thuse kgang eo ka jaana batla nyelediwa ke lenyora.

Rre Kawende Mundu ene o ne a supa fa ba itse batho ba ba senyang e bile ba koporase ya metsi le bone ba ka kgona go ba latedisa ba ba tseela dikgato tse di maleba.

E ne e rile go le pele, mookamedi wa koporase ya metsi mo Ngamiland, Rre Paul Mafavuneh a tsibosa banni ka manokonoko a go senngwa ga mafaratlhatlha a metsi a supa fa seo se baka tlhaelo ya metsi mo metseng.

A re tanka ya Semolo e nosa metse e le merataro mme a ikuela mo banning go lwantsha tshenyo ka jaana e ba paledisa go fitlhelela maitlamo a bone a go siela banni metsi.

O tsweletse a re tshenyo e e diragalang e busetsa maiteko a bone morago a go phatlalatsa metsi ka jaana ba dirisa madi a mantsi go baakanya fa go thubegileng teng.

Rre Mafavuneh o ba tlhaloseditse fa molao wa koporase o papametse fela gore metse e e sa tlhomamisiwang ga e sielwe metsi.

Kgosi Kazuu Mbakareratsike wa Bodibeng o ne a iteela kobo moroko a supa fa ba tshwenyega ka tshenyo ya diphaephe tsa metsi mme a kopa banni go sala ditsela tse di tshwanetseng go ikopela metsi.

A re go senya go ka ba tsenya mo molatong ka jalo a ba gwetlha go emisa.

Kgosi Mbakareratsike a re banni ba tshwanetse ba leboge gore mopalamente wa bone le ene o tshwenyegile ka lenyora mme ebile a setse a beile palamente kgang eo pele gore e sekasekiwe.

A re fa ba tswelela ka tshenyo, seo se ka folodisa maiteko a mopalamente wa bone go batla tharabololo. ENDs

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : BOTHATOGO

Event : Phuthegong ya kgotla

Date : 25 Aug 2022