Breaking News

Ba Serowe Bokone ba farologana ka megopolo

25 Aug 2022

Banni ba metse ya Paje, Tshimoyapula, Mabeleapodi le Majwanaadipitse ba farologana ka megopolo ya gore kgaolo ya bone ya botlhophi e tlhoka go fetolwa.

Bangwe ba banni ba batla kgaolo ya bone ya Serowe Bokone e tlogelwa e ntse jalo fa bangwe ba batla e fetolwa.

Ba ntshitse megopolo e kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke lekoko le le tlhomilweng go sekaseka melelwane ya dikgaolo tsa botlhophi tsa bopalamente ka Laboraro kwa Paje.

Rre Gaamangwe Lesole le Rre Thaka Baboneng ba Paje ba ne ba supa fa dikgaolo tse di leng teng di ka tswelela di le tharo, ebong Serowe Bokone, Serowe Borwa le Serowe Bophirima go sena phetogo epe.

Ba tlhalositse fa metse ya Serule le Gojwane e ka tsaya ditlamelo mo kgaolong ya Serowe go na le go di tsaya kwa Tonota.

Rre Baboneng o ne a supa fa dipalo tsa batho tsa bosheng di sa supa pharologanyo e e kalo le tsa 2012. 

Are ka one mabaka ao,  kgaolo ya Serowe bokone ga e tlhoke go fetolwa gope mme ba Serule/ Gojwane ba ka tswelele fela ba wela mo kgaolong ya bone.

Mokhanselara wa Kgaolwana ya Tidimalo Rre Solomon Dikgang o ne a supa fa banni ba Serule/ Gojwane ba ka tsaya ditlamelo tsa bone kwa Tonota ka go le gaufi e bile seo se le botlhokwa fela thata mo go bone ka  ba setse ba tlwaetse go di tsaya teng.

Ka jalo a re fa go ka ntshiwa dipalo tsa Serule/ Gojwane, dipalo tsa Serowe Bokone tse di salang di ka dira  kgaolo ka botsone ka go supafetse fa di gola fela thata.

Mokhanselara wa kgaolo ya Patikwane Rre Nametso Senku o ne a kopa lekoko go sekaseka melelwane ya dikgaolo tsa botlhophi tsa bopalamente go sekaseka gore a moraka wa Kobe, o o kwa kgaolong ya Serowe Bophirima o ka seka wa wela mo kgaolong ya Serowe Bokone.

A re go ya ka pego e e dirilweng ke lekoko le le neng le sekaseka melelwane ya dikgaolo tsa botlhophi tsa bopalamente ka ngwaga wa 2012, ba metse ya Malatswae le Dimajwe ba ne ba kile ba ikopela gore metse ya bone e wele kwa Boteti.

Rre Senku a re letshogo la gagwe ke gore fa kopo eo ba ka e boelela mme ya atlega, ba tloga ba felela ba tsamaile ka batlhophi ba kgaolo ya Serowe Bokone ka moraka oo wa Kobe e le wa banni ba Paje le Mabeleapodi.

Rre Wetsho Onneetse yo e leng monni wa Paje o ne akopa gore dikgaolo tsa Serowe di tswelele di le tharo mme go nne le diphetogo dingwe.

A re motse wa Serowe e nne kgaolo ya bopalamente e bitswa Serowe Central.

A re metse ya Paje, Mabeleapodi, Tshimoyapula, Majwanaadipitse, Topisi, Moreomabele, Serule, Gojwane, Dimajwe, Mmashoro le Malatswae e nne kgaolo ya bopalamente mme e bitswe Paje/ Mmashoro.

O tsweletse a re kgaolo ya boraro e nne ya metse ya Mogorosi, Thabala, Motshegaletau, Sehunou, Mabuo, Moiyabana, Radisele, Mogome, Mokgware le masimo le meraka ya tsone mme e ka batlelwa leina.

Mopalamente wa Serowe Bokone Rre Baratiwa Mathoothe o ne a lebogela dintlha tse di neng tsa ntshiwa ke morafe a ba a supa fa ntlha e nngwe e e ka lebiwang ke lekoko e le ya gore tsela e e tswang kwa Serule e nne  mo seemong se siameng mme fa ba Gojwane le Serule ba ka tsaya ditlamelo kwa Serowe ba ka nna mo tshiamelong.

A re ditlamelo tse di tshwanang le tsa kabo ditsha ba ka di bona motlhofo kwa Paje Sub-land Board, le lekgotla la kabo ditsha le le tona kwa Serowe. 

A le ba Gojwane le Serule ba ka nna mo tshiamelong gape ka mokhanselara wa bone a tsena diphuthego tsa khansele e tona kwa Serowe mme a ka busa dikgang tsa bone motlhofo fa a tswa bokopanong jwa khansele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : SEROWE

Event : Phuthego ya lekoko le le tlhomilweng ke Tautona go tsaya megopolo

Date : 25 Aug 2022