Breaking News

Ofisi ya omang e tlhalosa ka molao o mosha

25 Aug 2022

Banyalani ba rotloeditswe go ikopanya le ofisi ya Omang go baakanya ditlankana tsa bone go ya ka molao oo baakantsweng wa tlhakanelo dithoto le wa go fetola sefane ka fa ba batlang ka teng.

Thotloetso e, e dirilwe ke moeteledipele wa lephata la Pereko le Selegae mo Kgalagadi, Rre Elija Keatlhotswe mo phuthegong ya kgotla bosheng e maikaelelo a yone e neng e le go tlhalosetsa Batswana ka diphetogo tsa molao tse di amang kwadiso ya dithoto tsa banyalani.

Rre Keatlhotswe o boletse fa molao o o baakantswe go letla Batswana ba ba nyetsweng ke batswakwa go kwadisa dithoto le go fiwa sentlankana.

Rre Keatlhotswe o ne a tlhalosa fa banyalani botlhe ba ba sa kwadisang dithoto tsa bone ba fiwa sebaka sa go kwadisa dithoto mo kgweding di le masome a mabedi le bone go tswa ka nako e molao o o neng o tsenngwa mo tirisong kgwedi ya Phukwi e le lesome le botlhano monongwaga.

O boletse fa molao oo jaanong o fa mokwadisi wa dithoto tsa banyalani dithata tsa go baakanya diphoso tsotlhe tse di lemogilweng mo setlankaneng morago ga kwadiso.

Rre Keatlhotswe o gakolotse botlhe ba ba amegang go tla ka setlankana sa lenyalo, karata ya omang fa o le Motswana kgotsa pasa fa o le Motswakwa.

Are ba ka bona thuso gongwe le gongwe fa diofisi tsa Omang di leng teng.

A re molao o mongwe ke o o neng o bitswa wa go fetola maina go le pele mme mo nakong eno o bitswa o o fetolwang sefane. Molao o, go ya ka Rre Keatlhotswe o letla banyalani gore ba ka fetola difane ka fa ba batlang ka teng makgetho a le mabedi mme ba kopa tetla mo go mokwadisi.

Fa e le lekgetho la boraro ba letlelelwa go kopa tetla mo go tona mo lephateng leo, ga tlhalosa jalo Rre Keatlhotswe.

Mabapi le go fetola sefane, o boletse fa molao o tswa kgakala o letla mme go ka ikopela go pataganya sefane sa gagwe le sa monna yo o mo nyetseng kana go dirisa leina la monna wa gagwe.

 Rre Keatlhotswe a re mo dipaakanyong tse di disha o ka thusiwa mo ofising o sa ikopele mo go mokwadisi kana tona.

Ba tsena phuthego eo ba ne ba lebogela ba omang ka go ba tlhalosetsa ka dipaakanyo tse di dirilweng mo molaong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Phuthegong ya kgotla

Date : 25 Aug 2022