Breaking News

Lebutswapele la BCP le tlhokafetse

24 Aug 2022

Lebutswapele la phathi ya Botswana Congress Party (BCP), Rre Pontius Mokgosana o tlhokafetse morago ga go lwala ka bokhutshwane.

Moemedi wa lelwapa e bile e le ngwana wa gagwe, Mme Keamogetswe Madisa a re Rre Mokgosana o tlhokafetse Phatwe a le masome mabedi kwa kokelong ya Seventh Day Adventist kwa Kanye. Mme Madisa o tlhalositse fa Rre Mokgosana yo o tlhokafatseng a le dingwaga di 85, a berekile kwa lephateng la madi ka lobaka lo loleele go fitlhela a tlogela tiro ka 1996.

A re e ne yare go tlogela tiro a inaakanya le dipolotiki, a le mo phathing ya Botswana National Front (BNF) e e neng ya tsala BCP, e Rre Mokgosana a tlhokafalang a le mo go yo ne.

Mme Madisa a re Rre Mokgosana o diretse setshaba a le mo dikomiting tse di farologaneng di akaretsa Botswana Family Welfare Association. O ne a le leloko la kereke ya  Me

thodist.

Mogolwane wa phathi ya BCP, Rre Joseph Masala a re Rre Mokgosana o ne a inaakanya le BCP ka 2012 mme ba atamalana le go feta ka ba ne ba le mo phathing e le nngwe, ba rotloetsana. A re Rre Mokgosana o ne a rata bana ba gagwe, boithaopo, phathi, kgwele ya dinao le thuto mo a neng a thusa (Adopt-A-School) dikwele tsa Sebako, Lejwana, Matlotlakgang le tse dingwe

Rre Mokgosana o tlaa bolokwa Phatwe a le masome mabedi le bosupa kwa Kanye. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : Kanye

Event : Potsolotso

Date : 24 Aug 2022