Okavango o filwe P3m go baakanya dikago
24 Aug 2022
Khansele-potlana ya Okavango e filwe P3 million go baakanya dikago tse di senyegileng kwa dikoleng tse dipotlana tsa Beetsha, Etsha 6, Gunotsoga le Tlhale kwa Gumare.
E rile a ema makhanselara ka lefoko fa phuthego ya khansele e bulwa ka Mosupologo, modulasetilo Rre Lesedi Boy a re tiro e ya paakanyo e latela gore go bo go kgaoseditswe tumalano le dikonteraka tse di neng di abetswe tiro ka ntata ya go tlhoka go fetsa tiro ga tsone.
Rre Boy a re Lephata la tsa Metlakase le ipeetse seelo sa go baakanya dikago di le masome mabedi le botlhano mo go tse di masome mararo le botlhano mo ngwageng ono wa madi, a tlatsa ka go re di le lesome le bone di setse di baakantswe.
Le fa go ntse jalo, modulasetilo o supile matshwenyego a gore go na le tshenyo, bogolo jang mo dikoleng dingwe, mokgwa o a reng o busetsa kwa morago maiteko a lephata a go baakanya dikago. Ka jalo o ne a kgothatsa makhanselara go kgalema ka jaana bosinyi joo bo folodisa maiteko a puso a go neela setshaba fa go ka berekelwang teng.
Rre Boy a re khansele mo bogompienong e tshwaragane le go dira ditiro tsa kgaolo ya botlhophi mo metseng e roba bongwe, tse bontsi jwa tsone e leng go gokela motlakse mo dikagong tsa VDC ka mafaratlhatlha a BPC kgotsa marang a letsatsi.
O boleletse phuthego gore mafaratlhatlha a Nxaunxau a marang a letsatsi a na le mathata a go senyega mme legale khansele e sweleswetana le go ipaakanyetsa go baakanya.
O ne a bolelela makhanselara gore kgaolo e segofaditswe ka ditiro tsa ditlhabololo ka fa tlase ga lenaneo la Backlog Eradication Programme la go fokotsa melala.
A re ka jalo go tsile go agwa dikago tsa thuto di akaretsa matlwana a borutelo, matlhapelo, le matlo a barutabana kwa Samochima, Kajaja, Etsha 1, Shamombo Kushonya, Etsha 13, Kathiana, Shakawe le Mohembo. Rre Boy a re ditiro kwa Samochima, Kajaja, Kathiana, Shakawe and Mohembo di simolotse mme di a siasiana fa kwa Etsha 1, Shamombo, Koshonya le Etsha 13, di feditswe.
O tlhalositse gore go baakanngwa ga ditsela ke badiri ba khansele go tsweletse sentle, le fa go na le mathata fale le fale, a tlatsa ka go re go gopiwa ga tsela ya Mohembo East-Gudigwa go wetse.
A re go gopiwa ga ditsela tse di fa gare ga metse ya Shakawe le Mohembo West di simolotse Phatwe a rogwa. Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Boy a re lenaneo la nyeletso lehuma le kabo ya matlo le ntse le tsamaya sentle fa e sale ka ditekeletso tsa Seetsebosigo 2021.
Lenaneo le le itebagantse le go kgontsha gore batho ba dikamogelo tse di kwa tlase mo metseng selegae le ditoropo ba nne le bonno ka go thusa gore ba anywe botsipa jwa go itirela le go simolodisa ba bo ba itsamaisetsa dikgwebo.
Le akaretsa ba ba itekanetseng mo mmeleng ba ba senkwang ke ofisi ya tsa boipelego go tla go simolola go foroma.
Rre Boy a re lenaneo le le na le basadi ba lesome le banna ba le batlhano mme mo go bone go na le banana ba le batlhano. Ditena di le 16 573 di setse di rekisitswe ka P128 398 mo setlheng sa ntlha sa ngwaga ono wa madi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : MAUN
Event : Phuthego ya khansele
Date : 24 Aug 2022