Bayang ditiro tsa puso leitlho- Leshomo
23 Aug 2022
Makhanselara a kgaolo potlana ya Goodhope ba kgothaditswe go tsenya leitlho mo ditirong tsa puso.
Modulasetilo wa khansele eo, Rre Boniface Leshomo a re kgaolo ya bone ya Goodhope-Mabule e bophara ka jalo go mo maruding a makhanselara gore ba lebelele gore a ditiro tsa puso tse di dirwang mo mafelong a bone di tsamaya sentle
“Kgaolo ya rona e tona mme seo fela ka bo sone ke kgwetlho mo bodireding gore ba kgone go tsenya ditiro tsotlhe leitlho.”
O buile mafoko a fa a ne a simolodisa phuthego ya khansele potlana eo ka letsatsi la mosupologo mo mosong kwa Goodhope.
A re fa ba ka simolola go baa ditiro leitlho, go ka netefatsa gore ditiro di fela ka nako le gone go dirilwe tiro ee nang le boleng. Rre Leshomo o tlhalositse gore selo se sengwe sese dirang tiro bokete ke go bo go sena dikoloi. A re le one madi aa fiwang kgaolo gaa lekane.
O boleletse makhanselara gore kgaolo e mo letlhokong la madi ka jaana gone ga nna le dikgwetlho di tshwana le tsa bolwetsi jwa COVID-19 le go oketsa bodiredi. O tsweletse ka gore ditiro di tshwana le tsa go fa bana ba dikole dijo tsedi tswang kwa masimong le tsone di dirile gore kgaolo e fitlhele ele mo letlhokong la madi ka jaana ditiro tse dingwe tseo dine di sa akanyediwa fa go kopiwa madi.
Rre Leshomo o tlhalositse fa ba koporase ya metsi ya Water Utilities ba tsweletse ka go phatlhalatsa metsi mo kgaolong, a re seo se dirile gore letlhoko la metsi le nne botoka fela thata.
A re phatlhalatso eo ya metsi eka nna ya dira gore ka dinako dingwe beng ba masimo ba fitlhele mesele e ralala ditshimo tsa bone, mme a re makhanselara ba leke go buwa le bone ka jaana nako tse dingwe ditlhabololo dina le ditlamorago tse bangwe baka se keng ba di itumelela botlhe.
Modulasetilo o akgotse lephata la thuto a supa fa dipaakanyo tsa matlwana a dithuto le matlo a barutabana di tsweletse go ralala kgaolo. Rre Leshomo o tlhalositse fa go itumedisa gore maphata ka bontsi go lebega a gata sentle ka ditiro tsa bone segolo jang ba metsi le motlakase ka ke tsone dingwe tsa dilo tse banni ba ntseng basa bone boroko mabapi le tsone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : GOODHOPE
Event : Phuthego
Date : 23 Aug 2022