Baithuti ba tla abelwa dikhomputara
23 Aug 2022
Puso e dirisitse P214 million go reka dikhomputaratse di tla abelwang baithuti ba dikole tse di kgolwane.
Mopalamente wa kgaolo ya Shoshong Rre Aubrey Lesaso o buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ka Mosupologo kwa Shoshong jaaka a ne a begela banni ka tse ba neng ba di solofeditswe.
A re puso e itlamile go netefatsa gore baithuti botlhe ba dikole tse dikgolwane ba dirisa dikhomputara ka se se ka nna tlharabololo ya dikgwetlho jaaka tlhaelo ya dibuka.
Se ga se go tlhogofaletsa baithuti mokgweleo wa go rwala dibuka tse di bokete mme go tlaa thusa go ba baya mo dinakong bogolo jang ka lefatshe jaanong le dirisa maranyane thata.
A re go ya go abiwa dikhomputara di le 52 160 mo dikoleng tsotlhe tse 34 mo lefatsheng leno,
O boletse fa mo dikoleng tse di potlana tsa Junior schools bana ba tla a rekelwa di Tablet di le 132 829, mme go tlaa dirisiwa madi a a ka tshwarang P600 million, fa ba tse di potlana ba lekwalo la botlhano go ema ka la bosupa le bone ba tlaa rekelwa.
A re dikhomputara di tla thusa le batsadi kwa gae ka bana ba ka kgona go ba e ruta mme a kopa batsadi gore ba thuse thata gore bana ba tlhokomele didirisiwa tse.
A re gore Shoshong e nne kgaolo potlana, e tshwanetse go nna le tsotlhe tse di tlhokafalang gore e nne jalo, jaaka ditsela tse di siameng, dipone le tsotlhe tse di tshwanetseng kgaolo potlana.
Mopalamente Lesaso o lekodisitse morafe gape gore palo ya mapalamente e tlaa okediwa go tswa ko go 57 go ya kwa 61 ka gone go lebilwe koketsego ya batho.
Mogolwane wa thuto mo kgaolwaneng ya Shoshong Rre Godfrey Makaba o ne a tlatsa mopalamente a re e le lephata ba na le dingwaga di ka tshwara tlhano go ya go tse thataro ba ntse ba na le tlhaelo ya dibuka ka jaana dikhamphani di sa kgone go dira dibuka, a re jaanong dibalamakgolo ke tlharabololo ya mathata a bone.
O tlhalositse fa dithuto tsotlhe di ya go tsenngwa mo teng ga dikhomputara gore bana le barutabana ba tlhofofalelwe ke tiro, a kaya fa tota gone go sena se ba ka se dirang ka dibuka di seo, mme ba di tsaya kwa ntle ga lefatshe kwa le gone di seong.
O boletse fa bana ba ba kwa tlase (std 1-5) ba ya go fiwa thuto ya tiriso ya didirisiwa tsa maranyane (mobile computer lab).
Fa a lekodisa banni ka seemo sa metsi mo motseng mookamedi go tswa kwa lephateng la metsi go tswa Serowe Rre Donald Moagi, o boletse fa kgopho ya metsi a a leswe le tokafatso ya seemo sa metsi tsotlhe di filwe madi a a kana ka P10 million nngwe le nngwe ya tsone.
Rre Moagi a re tiro ya kgopho ya metsi a a leswe e ne e emisitswe ke gore ba ne ba ise ba bone khamphani epe e e itekanetseng go dira tiro ya mofuta o, mme a re ba mmone jaanong ba emetse gore ba ba maleba ba fe ba dikonteraka tiro.
A re ba santse ba bata yo o ka dirang ya go baakanya seemo sa metsi.
Fa a araba selelo sa banni sa letllhoko la dingaka kwa sepateleng, Dr Kagiso Tshegetsang yo o okametse ofisi ya botsogo kwa Mahalapye, o ne a supa fa lefatshe la Botswana le na le tlhaelo ya dingaka mme a re ba itlamile e le ba botsogo go tsisetsa Shoshong ngaka ya bobedi pele beke e wela ka ba ntse ba na le a le mongwe.
Mo go ya tlhaelo ya melemo le dipilisi, a re go diriwa ga dipilisi ne go ntse go eme lebaka e le COVID-19 mme a re di setse di simolotswe go dirwa, ebile seemo se tlaa siama.
Mo dikakgelong, Rre Robert Molefhabangwe o ne a gakolola mopalamente gore go kile ga nna le lenaneo la gore ngwana a seka a tsamaya sekgala sa khilometara go ya sekoleng, mme a botsa gore a go ka seke go agiwe dikole tse dingwe go baakanya seemo se.
O ne a supa ngongorego gape ka Sub-land board ya Shoshong a re ga e tshware batho sentle, ga ba dire tiro ya bone ka fa tshwanelong mme a kopa gore ba bewe leitlho thata.
Rre Molefhabangwe a re motse wa Shoshong ke one motse o o santseng o sena dipone tsa mebila. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onkarabile Moeng
Location : SHOSHONG
Event : Pego
Date : 23 Aug 2022