Ba kopa gore leina la kgaolo le fetolwe
23 Aug 2022
Banni ba metse ya Ramokgonami, Tumasera/Seleka, Maape, Mhalapitsa, Pilikwe le Moshopa ba buile ka bongwefela ja pelo gore kgaolo ya bone ya bopalamente ya Sefhare/Ramokgonami e fotolewe go nna Tswapong borwa ka leina le, le le maleba. Ba re leina la Tswapong borwa le ba kaya sentle fa ele morafe wa Batswapong go sa lebiwa metse e mengwe go tlogelwa e mengwe jaaka la mo nakong ya gompieno la Sefhare le Ramokgonami fela.
Ba buile jalo kwa phuthegong le e neng e buisiwa ke lekoko le le tlhophilweng ke tautona go sekaseka melelwane ya dikgaolo tsa botlhophi tsa bopalamente ka Mosupologo. Ba boletse fa banni ba Tswapong borwa ba bua puo e le nngwefela e bile ba tshwana ka dingwao tsa bone, ba itsane ebile ba atumelane fela thata. Banni gape ba kopile gore kgaolo ya Tswapong ka bophara ja yone e kgaoganngwe gararo go nne le Tswapong borwa, bokone le e tlaa bong e nna ntsha ee tlaa bidiwang Tswapong legare.
Ba re kgaoganyo e, e tlaa tlhofofaletsa baemedi ba bone go beraka kgaolo. Banni ba boletse fa metse mengwe e e isitsweng kwa dikgaolo dingwe e tshwanetse ya busetswa mo Tswapong ba kaya fa Machaneng, Makwate, Dovedale, Kudumatse, Mmaphashalala le e mengwe di wela mo Tswapong mme mo bogompienong e le kwa Mahalapye botlhaba. Ba boletse fa mengwe e tserwe ke kgaolo ya Mmadinare mme le yone e tshwanetse ya boela mo go bone ka ele batho ba le bangwe ba letswapo.
Le fa gontse jalo moemedi go tswa Ramokgonami Rre Rebagamang Sekgekge o boletse fa Tswapong legare kgotsa e tlaa bo e akaretsa metse ya Malaka, Lecheng, Mokungwane, Mathakola, Goo-Sekgweng, Goo-Tau, Ratholo, Manaledi, Majwaneng, Pilikwe, Mhalapitsa, Maape, Ramokgonami le Tumasera/Seleka.
O dumela gore leina la kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami le fetolwe ka gore le tsenya kgethololo mo merafeng ya Batswapong ba ba nnang mmogo. A re Tswapong e kgaoganngwe gararo le mororo dipalo di supa fa di le kwa tlase.
Rre Dimakatso Sesa wa Tumasera le ene o buile jaaka bontsi gore Tswapong borwa ke lone leina le le maleba ebile le kopanya morafe wa batswapong le gone gore dikgaolo tse di isitsweng mafisa kwa dikgaolong tse dingwe di boele kwa Tswapong.
Rre Konyananngwe Gaobatelwe wa Pilikwe, rre Moshe Motiki wa Maape, Letsweletse Gaokgwerwe wa Mhalapitsa, mme Oboeletse Simon wa Moshopha le rre Richard Segodi wa Seleka ba emetse metse ya bone ba dumalane thata ka go fetolwa leina go nna Tswapong borwa.
Modulasetilo wa lekoko, Justice Mokwadi Chris Gabanagae o boletse fa ba tsaya megopolo mme phelelong ba tla e rolela tautona, a ba bolelea gore kgaolo ya bone ya Sefhare/Ramokgonami ka 2012 ene e na le batho ba le 31 517 morago ga palo batho mme erile ka 2022, maabane palo batho e supile fa ba le 32 330.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : RAMOKGONAMI
Event : Phuthego
Date : 23 Aug 2022