Letshololo le jweleleletse Bobirwa
23 Aug 2022
Kgaolo-potlana ya Bobirwa e nnile le balwetse ba letshololo ba le 230 mo dibekeng tse thataro fa e sale bolwetse bo tlhasela mo lefatsheng.
Modulasetilo wa khansele-potlana eo, Rre Kgomotso Mmereki o buile mo phuthegong bosheng go re bolwetse bo aname mme metse go amegile thata Bobonong, Tsetsebjwe, Mmadinare, Molalatau, Sefhophe, Gobojango le Robelela. Le fa go ntse jalo Rre Mmereki o itumeletse gore ga go na ope yo o tlhokafetseng ka ntata ya letshololo mo kgaolong, a tlatsa ka go re ditlhopha tse di tsibogelang bolwetse di tlhamilwe e le tsela nngwe ya go lwantsha bolwetse.
“Ke kopa gore rotlhe re tsee boikarabelo jwa go thusa District Health Management Team (DHMT) fa go tlhokega.” Mo dikgannyeng tse dingwe tse di amang botsogo, Rre Mmereki o tlhalositse fa DHMT e tlaa kgatsha matlo ka molemo o o bolayang monang go thibela Malaria.
A re phiro ya bagasi ba molemo e tlaa dirwa go itshwaragantswe le bogogi jwa metse go setswe morago kaedi ya Community Acting Together to Eliminate Malaria e e thusang merafe go tsibogela go nyeletsa letshoroma ba le seopo sengwe. Modulasetilo o bile a itsese phuthego fa kwa Selebi Phikwe le tikologo dipalo tsa ba ba tsenwang ke COVID-19 di fokotsega mo go tlhapisang pelo.
“Mo bogompienong kgaolo ya rona ga e a kwadisa ope yo o tsenweng ke COVID-19, le fa ele yo o robaditsweng kwa kokelong ka COVID-19, kgotsa yo o tlhokafetseng ka lebaka la COVID-19,” a tlhalosa.
A re ka kgaolo e ne e ipeetse seelo sa go kenta batho ba le 109 152 kwa Selebi Phikwe le tikologo, ba le masome marataro le borobabongwe mo lekgolong ba filwe mokento wa ntlha, ba le masome marataro le borataro mo lekgolong ba kentilwe ka botlalo fa ba le masome mabedi le bobedi mo lekgolong ba filwe mokento wa tlaleletso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : BOBIRWA
Event : Phuthego
Date : 23 Aug 2022