Dintwa le dipetelelo di ile magoletsa
22 Aug 2022
Mogolwane wa mapodisi a Serowe Superintendent Poloko Oteng, a re dintwa tse di tsalang dikgobatsano tse di masisi e bile di felela di tsaya matshelo a batho di tshwenya mapodise a Serowe le tikologo.
Mo potsolotsong Supt. Oteng o boletse fa bosheng kgaolo potlana ya Serowe e nnile le dikgobatsano di le mmalwa tse dingwe bangwe ba feletseng ba tlhokafetse.
A re ko Sehunou bosheng go fitlhetswe monna wa dingwaga tse di masome mabedi le boferabobedi a tlhokafetse mo mokgwatheng mme a na le dintho tse di masisi tse go bonalang gore o ne a ketekwa ke yo mongwe wa dingwaga tse di masome mabedi le borataro yo o thusang mapodise ka ditlhotlhomiso.
A re go nnile le dikgobalo ko kgotleng ya Kgala kwa Mabeleapudi ko mosadi wa dingwaga tse di masome mabedi le boferabobedi a gobetseng mo go maswe fa mokapelo wa gagwe a mo hatsa ka selepe mo tlhogong le mo lebogong morago ga go tlhoka kutlwisisano, mme mmelaelwa o ne a tshwarwa go thusa ka ditlhotlhomiso fa mme yoo a le mo seemong se se maswe ko sepateleng.
Kwa Serowe ko kgotleng ya Mpapadzi monna wa dingwaga tse masome mararo le bone o ne a tlhaselwa ke dilalome a tswa maitsisong mme ba mo ngata ka maje le go mo tlhaba ka sengwe se se bogale mme a gobala mo go maswe.
Fa kwa Dinokwane mo Serowe mosadi wa dingwaga tse di masome mane le bobedi a tlhabilwe ke mokapelo wa gagwe letsatsi le penne ka sengwe se se bogale mme a tswa dintho tsedi Masisi, fa monna wa dingwaga tse di masome matlhano le bone wa kgotla ya Botalaote mo Serowe o tlhabilwe ka sengwe se se bogale mo mpeng ke motho yo a sa mo itsing ko bareng ya The Planet.
Mo go tsa petelelo mosetsana wa dingwaga tse di lesome le boferabobedi a beteletsweng ke monna mongwe yo a neng a kopile mosepele mo go ene ba tswa ko maitsiong a bara ya Ponto Finale mo Serowe, tirgalo e diragetse fa maitiso a tswalwa.
Fa rre yo a ne siela le ene ko gagwe ko a fetileng a mo mmetelela.
Kwa Moiyabana mme wa dingwaga tse di masome mararo a beteletswe ke borre ba le mmalwa go balelwa le wa dingwaga tse di masome marataro le le boraro ko masimong a Masuku. A re mme yoo o ne a rakana le borre bao ba tsamaya ka sekotsekara sa ditonki mme ba mo tlhasela ba mo ragaka ka ditlhako mme morago ba mo laisa mo kareng ba mo isa masimo ko ba fitileng ba mmetelela BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 22 Aug 2022