Sekole sa Linchwe se itoma molomo wa tlase
22 Aug 2022
E re ka kwelo-tlase ya maduo mo dikoleng e tsweletse ka go tshwenya, barutabana ba sekole se segolwane sa Linchwe kwa Mochudi ba itumile molomo wa tlase go leka go itlhoma kwa pele fa maduo a lekwalo la Form 3 a tswa ngwaga ono o fela.
Mo phuthegong e e neng e biditswe go fa bana mafoko a thotloetso jaaka ba ipaakanyetsa ditlhatlhobo, mogokgo wa sekole seo, Rre Phometsi Phometsi a re bogogi jwa sekole bo logile maano a go bereka go feta seelo se se letlelelwang gore barutabana ba thuse bana go re ba dire sentle.
A re ntswa sekole sa Linchwe e le sone se ntseng se digoga kwa pele mo Kgatleng e bile se tsweletse ka go tshegetsa kgotsa go feta seelo se se beilweng sa go feta masome a mane mo lekgolong, ba itemogetse dikgwetlho tse di bakilweng ke ditlamorago tsa bolwetsi jwa COVID 19.
Rre Phometsi a re ditlamorago tsa COVID-19 di tshwana le go ruta bana ka go ba fapaanya le go gore bana ba bangwe ba ne tsena mo serubing go digile serodumo sa thuto fela thata.
A re go tsweletse ka go ruta bana go feta dioura tse di beilweng, go sena malatsi a boitapoloso, ba ikaelela go nna sengwe sa dikole tse di dirang sentle thata mo Botswana.
Rre Phometsi a re sekole sa Linchwe ke sone fela se le esi se amogelang batlhoka pono, ka jalo, se tshwanetse go netefatsa gore setlhotshwana se sa bana, ga se nne ka fa mosing, ka jaana maduo ele one a tla netefatsang gore ba nna le isago e ntle.
O galaleditse barutabana ba Linchwe, a re mowa o ba tshwereng ka one go isa maduo kwa mankalenkaleng o a itumedisa.
Fa a tswa la gagwe, Mothusa Kgosi ya Bakgatla, Kgosi Bana Sekai, yo e kileng ya nna moithuti wa sekole seo ka bo 1972, o galaleditse serodumo se sekole seo se se tshegeditseng ka maduo a itumedisang mo Kgatleng. O boletse fa go sa lekana, ka jaana ba tshwanetse go nna kwa pele lefatshe lotlhe.
A re go bo sekole se se tsweletse ka go itlhoma kwa pele mo kgaolong ya Kgatleng le go tshegetsa seelo se se beilweng sa go dira sentle, ke tlotla e kgolo mo morafeng wa Bakgatla.
A re sekole se se na le ditso, ka jaana se simologile se ikagelwa ke morafe wa Bakgatla, mme a re go a itumedisa gore se be se tsweletse se dira sentle.
O itlamile gore o tla fa moithuti yoo dirileng sentle madi a lekanang P5 000 go leka go rotloetsa mowa wa phadisano.
O ne gape a rotloetsa bana go tshegetsa nwago ya sekgatla, a bolela fa e tla nna borre le bomem ba ba nang le boikarabelo, le gore fa ba dira jalo batla dira sentle le mo dithutong.
e e neng e biditswe go fa bana thotloetso, Mme Malebogo Segobaetsho, o boletse gore ba itumelela tshwaragano magareng ga batsadi le barutabana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : MOCHUDI
Event : Phuthego
Date : 22 Aug 2022