Bolwetse jwa tlhaloganyo bo ka ama mongwe le mongwe
21 Aug 2022
Go botlhokwa gore motho a nne a itekanetse ka jaana bolwetse jwa tlhaloganyo bo ka ama mongwe le mongwe.
Se se builwe ke ngaka go tswa kwa sepateleng sa Masunga, Dr Imili Muchapa kwa letsatsing la go ipelela tsa botsogo le le neng le rulagantswe ke ba Botswana Power Corporation (BPC) mo Masunga bosheng.
Letsatsi leo le ne le remeletse mo botsogong jwa tlhaloganyo le maikutlo, ka jalo Dr Muchana o ne a gwetlha batho go seke ba kgetholola ba ba amilweng ke bolwetse jwa tlhaloganyo.
O ne a supa fa go le botlhokwa gore batho ba eme nokeng ope yo o ka tswang a amilwe ke bolwetse jwa tlhaloganyo go thusa go mmusetsa mo seemong sa gagwe sa gale.
A re kemonokeng e akaretsa le gone go ba gakolola go tsaya kalafi mmogo le go ba rotloetsa go bona ba bongaka ka malatsi a ba a beetsweng.
A re batho ba tshwanetse go itshekatsheka le go sekaseka ba bangwe go lemoga dikai tsa bolwetse jwa tlhaloganyo, mme ba netefatse gore ba bona ba bongaka fa ba itemogela dikai ntle le go senya nako.
O ne a tswelela a tlhalosa fa bolwetse jwa tlhaloganyo bo ka bakiwa ke diemo tse motho a ka kopanang le tsone mo botshelong mme gape bo ka a nama le lesika.
O ne a tlhalosa fa dingwe tsa dikai di akaretsa khutsafalo le khuduego maikutlo, go ja thata kgotsa go le gonnye, go felelwa ke nonofo, go nna le ditlhabi mo mmeleng, go iphetisa nnotagi le go goga motsoko mo go feteletseng.
Dr Muchapa o ne a supa fa dikai tse dingwe di akaretsa go lebala le go tenega mo go feteletseng, ka jalo a gakolola batho go leka bojotlhe go itepatepanya le dikgwetlho tsa botshelo le go hema go huduega maikutlo.
Fa a tswa la gagwe, moemedi wa lekgotla la babereki ba BPC, Rre Lucky Moduane o ne a gatelela botlhokwa jwa tshidilo maikutlo.
Ka jako o ne a gakolola babereki ka ene go ikanya tshidilo maikutlo mo kgatong nngwe le nngwe e ba e tsayang mo botshelong.
Rre Moduane o ne a ba tlhaba podi matseba go seke ba ikanya thata madi a ba a duelelwang go bereka morago ga nako ya tiro (overtime), a re fa go ka diragala gore nako nngwe a bo a seyo, seo se ka felela se ba bakela mathata.
Mothusa kgosi ya Masunga, Kgosi Thabo Monaga le ene o ne a supa fa go le botlhokwa go itshidila mmele ka nako tsotlhe, a re se se thusa motho gore a nne tlhaga mo tirong.
Ka jalo Kgosi Monaga o ne a rotloetsa babereki ba BPC go nna ba itshidila mebele, a re go ka ba thusa go ntsha maduo mo tirong ya bone ka e bile ba nna ba tlhokega gangwe le gape go tsibogela kgaogo ya motlakase mo mafelong ka go farologana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Masunga
Event : Ipelelo Botsogo
Date : 21 Aug 2022