Breaking News

Ba tlhagisitswe ka go goga motsoko

21 Aug 2022

Batswana ba gakolotswe go emisa motsoko ka o ama ba ba o gogang le ba ba sa o gogeng.

Fa a bua kwa Letlhakeng ka Labotlhano jaaka mokgatlho wa Stop Smoking Support Group ba ne ba ruta ka tiriso ya motsoko, Mogolwane go tswa kwa mokgatlhong wa Anti Tobacco Network, Rre Thabo Katlholo o ne are tiriso ya motsoko ga e na gore mongwe o goga o le gonnye kana o le montsi.

Are  go goga motsoko go ka baka bolwetse jwa kankere mme mo baneng go baka bolwetse jwa khupelo.

Rre Katlholo o supile fa motsoko o na le botlhole jo bo bakang kankere, a supa fa o tsenngwa botlhole jo bo bolayang dipeba le jo bo dirang gore moswi a seka a bola fa a le kwa setsidifatsing.

O supile fa Batswana nako tse dintsi ba botsa gore ke eng puso e sa imise tiriso ya motsoko gotlhelele ka e bona borai jwa one, a supa fa itsholelo ya mafatshe a a dirisanang le leno jaaka Malawi le Zimbabwe e ikaegile ka go lema motsoko.

A re go tlaa re mafatshe ao a thusiwe go dira se se ka tshegetsang itsholelo ya one gore ba fokotse le go emisa go lema motsoko.

Rre Katlholo o ne a tlhalosa fa motsoko o rekisiwa ka fa molaong wa Botswana, mme ka ntlha ya bodiphatsa jwa one puso e tsere kgato ya go baakanya molao wa thekiso ya one mo lefatsheng leno, a supa fa jaanong motsoko o sa letlelelwe go bapadiwa.

Mo kamogelong baeng mothusakgosi kwa Letlhakeng Kgosi Tumelo Puleng, o ne a kopa banni ba Letlhakeng go tsaya thuto eo ka tlhwaafalo, a supa fa malwetse mangwe a a bakiwang ke ka fa ba tshelang ka teng a na le ka fa ba ka a tilang ka teng.

 Kgosi Puleng o ne a tlhalosa fa a itumelela gore morafe wa gagwe o ntse o setse kgakololo ya ba bongaka morago, ka ba ne ba ipipile dinko le melemo, le gone go nna ba katologanye kwa bokopano joo.

Kgosi o ne a kopa gore ba diragatse thuto e ba tlaa fiwang gore ba fenye malwetse a a bakiwang ke go goga motsoko.                                                                                          

Molomaganya dithuto tseo Rre Edward Moroka a re maikaelelo a magolo a tiro eo, e ne e le go tsibosa setshaba ka bodiphatsa jwa tiriso ya motsoko.

 Rre Moroka o tlhalositse fa ba tlaa bo ba le mo kgaolong eo go fitlhela ngwaga e e tlang, ba ruta setshaba ka bodiphatsa jwa motsoko.

Fa a fa bopaki Rre Phenyo Ramodulape o ne a supa fa a ne a goga motsoko mme a simolotse ka go tshopha matlhare a tshameka.

Rre Ramodulape o supile fa kgatlhego e ne ya gola mme ya re a simolola go tshwara madi a bo a tlhwaafala a goga motsoko.

O tlhalositse fa kwa bofelong a ne a felela a tsenwa ke bolwetse jwa Kgotlholo e tona jo bo neng jwa mo pateletsa go tlogela motsoko.

 Rre Ramodulape o ne a tlhalosa fa motsoko o koafatsa ka bonya, mme a gakolola banana gore ba seka ba kgatlhegela go o goga. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Letlhakeng

Event : Thuto

Date : 21 Aug 2022