Breaking News

Dihutshane tsa boleng di ka lere dipoelo

21 Aug 2022

 Barui kwa Kgaolong ya Kgalagadi ba rotloeditswe go netefatsa gore leruo la bone ke lwa boleng jo bo kwa godimo bogolo jang dihutshane ka seo se ka ba thusa go  rekisetsa matlhabelo aa agiwang kwa Tsabong ka ditlhwatlhwa tse di botoka.  

Thuo e fetogile go nna kgwebo mo nakong ya gompieno ka barui ba sa tlhole ba ruela go jela mo ganong fela kana go ithusa ka nako ya dintsho kana manyalo.

Tona wa Lephata la Temo Thuo Rre Fidelis Molao o buile se jaaka a ne a le mo loetong lwa gagwe lwa go lekola polasi ya Lobu e maikaelelo a yone e leng go thusa barui go tlhabolola leruo go nna lwa boleng jo bo kwa godimo le go le atisa.

O boletse fa maikaelelo a puso e le gore matlhabelo a dihutshane a tswele barui mosola ka go reka dihutshane tsa bone mme nama ya tsone e rekisiwe kwa mafatsheng a tshwana le lwa South Arabia ka puso e setse e dirile ditumalano le bone.

A re go supagetse fa nama eo e ka dira dipoelo tse di botoka ka e ratwa bobe, ebile  e na le tatso ee pharologanyo.

Rre Molao a re boleng jwa nama ya leruo lwa Kgaolo ya Kgalagadi bo ka ngoka bareki ka leruo leo le hula bojang jwa tlholego jo bo nang le menontshane ee dirang  gore loruo le itekanele ebile le nne le nama ee kgatlhang.

Tona Molao o boletse fa polase ya Lobu e gatetse pele fa e sale e simolodisiwa ka ngwaga wa 1978 mme e le yone boremelelo jwa thuo ya dihutshane le dikgomo tsa matsopa aa nang le boleng mme a rotloetsa barui go akola dithuto tsa thuo ka di ka ba thusa go  tokofatsa leruo lwa bone.

O boletse gore fa matlhabelo a dihutshane a simolola go bereka a tlaa tlhoka makgolo a mararo a dihutshane go tlhabiwa ka letsatsi selo se se supileng fa barui ba tshwanetse go itsolopanya go  tlhokomela leruo lwa bone ka fa go tshwanetseng.

A re seo se ka ba thusa go ntsha maduo le go nna le tsalo ee kwa godimo go oketsa dipalo tsa dihutshane tse di nametsang.

Tona Molao o boletse fa go lemosegile fa dihutshane di le bogadi bo gaufi ka di tlhokomelwa motlhofo ebile di tsala gantsi fa go tshwantshwangwa le dikgomo. 

Mokwaledi go tswa mo lephateng la Temo thuo Mme Nancy Chengeta o ne a tlhalosa fa polase ya Lobu e le bophara ebile e na le dihutshane  tse di fetang dikete tse pedi le dikgomo tse masome a matlhano le bosupa, le dipitse di le masome a mabedi le borobabongwe tse badisa ba di dirisang go tlhola leruo kgapetsakgapetsa mo masakeng.

Mme Chengeta o ne a tlhalosa fa mosola wa polase eo e le go busetsa serudumo sa thuo ka go oketsa dipalo tsa leruo, tse go lemosegileng fa di wetse kwa tlase fa go tshwantshwangwa le nako ee fetileng.

A re lephata la temo thuo le lone le inaakantse le lenaneo la ga Tautona la Reset Agenda ka go simolodisa tiro e ka yone ba tlaa simolodisang maranyane a internet mo polaseng ya Lobu selo se se tlaa tlhofofatsang tiro le gone go rutuntsha barui ka dithuto tse di maleba gongwe le gongwe kwa ba leng teng.

O boletse fa badiri mo polaseng eo ba le masome a mane le bongwe fa badisa bone ba le batlhano mme ba ba thapilweng ka nakwana ba le masome a mabedi le borataro ba e leng ba metse ee gaufi.

Mme Chengeta are go ka nna botoka fa go ka okediwa palo ya badiri ba sennela ruri go itepepatepanya le tiro e ntsi e e mo polaseng eo.

Fa a lekodisa Tona Molao, Molomaganya ditirelo tsa lephata la temo thuo Mme Ikgopoleng Shabane o ne a supa fa polasi ya Lobu e dira dipoelo tse di nametsang ka thekiso ya palabalo e a supileng fa go simolola ka ngwaga wa 2018- go fitlha mo nakong ya gompieno e dirile madi a a kanang ka P1.9 Million.

Mme Shabane o ne supa fa godimo ga moo gape ba dira madi ka go rekisa matlalo a dikonyana tsa letsopa la karakul le Dorper tse e leng gone di tsalwang ka ba bone mmaraka kwa lefatsheng la Namibia.

Le fa go ntse jalo o boletse fa barui ba ba rekang ba itumelela leruo lwa boleng ka le tlhabolola leruo lwa bone, a tlatsa ka gore sebe sa phiri ke gore bangwe ba ba sa ntseng ba fatlhoga ba lela ka ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tse barui bangwe ba rekang ka tsone ka ba re di ba baya ka fa mosing. 

O boletse fa e le boeteledipele ba tla tsenya se leitlho le go tswa ka megopolo gore le bone ba kgone go tswa ka sengwe ka nako ya palobalo kwa polaseng eo.

O boletse ditlhabololo mo polaseng eo di tsweletse  ntswa go na le dikgwetlho tsa dipaakanyo tsa dikago dingwe, koketso ya didiba ka se le sengwe. 

O supile fa ba tsweletse ka go rutuntsha barui mo dipolaseng tsa barui ba ba itshetletseng mme se se itumedisa ka go supafala fa maduo a nna teng ebile bangwe barui ba ba botlana ba gola.

Fa a amogela tona Kgosi Danger Botsheleng wa motse wa Khuis oo bapileng le polase eo o ne a ngongorega ka terata ya polase eo, a supa fa e setse e onetse mme leruo le sa sireletsega.

Fa a ba kgwa dikgaba Tona Molao o ne a leboga thata ka dikatlego mo polaseng mme a ba kgothatsa go tswelela ba dira ka natla.

Rre Molao o ne a supa fa madi aa dirwang ka palabalo a tlaa dirisiwa mo tlhabolola polase go imolola lephata la temo thuo.

O ne a wetsa loeto lwa gagwe ka go ya go lekola matlhabelo a dihutshane aa agiwang kwa Tsabong aa mo seemong se se fetang 50 per cent go wediwa mme a lopile madi aa kanang ka P161 million.

Tsholofelo ke gore kago ya matlhabelo e tla wediwa mo dikgweding tse di tlang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Lobu

Event : Loeto

Date : 21 Aug 2022