Ba rotloediwa go rekisa mananeo
18 Aug 2022
Puso e lebile mo bodireding jwa yone go rekisa mananeo a yone le go bona gore ditlamelo di goroga kwa setshabeng ka nako.
Se, se builwe ke molaodi wa kgaolo potlana ya Tutume, Mme Utlwanang Kerekang a supa fa setshaba se solofela go le gontsi mo badirelapusong, go netefatsa gore Batswana ba bona ditirelo ka tshwanelo le ka nako.
Mme Kerekang o tlhalositse se ka letsatsi la go isa ditirelo kwa bathong kwa Dagwi ka Laboraro, a re kgaolo potlana eo e bophara ka e thusa metse e le masome mabedi le borobabongwe, go balelwa le wa Dagwi.
Erile a tlhalosa ka ditirelo tsa ofisi ya Registrar and Master of the High Court, Mme Felicity Sigweni go tswa Francistown e le mothusa registrar a supa fa Batswana ka bontsi ba sa itse ka ofisi eo, e e itebagantse le go lebelela ditshwanelo tsa bajaboswa.
A re go na le melawana e e laolang ka ga dithoto tsa boswa di tshwanetsweng go kgaogangwang ka teng.
A re go ya ka melawana eo fa motho a tlhokafetse, dithoto tsa moswi di tshwanetswe tsa kwadisiwa mo malatsi a a sa feteng lesome le bone a re go kwadisiwa ga dithoto tsa moswi go sa kgathalesege go re moswi o na le dithoto tse kae.
Mme Sigweni o supile fa bana, mosadi kana monna wa moswi kana mongwe yo o neng a nna le moswi a na le tshwanelo ya go kwadisa dithoto tsa moswi.
O kopile setshaba go dirisa ofisi eo ka ba ka kgona go rarabolola dikgang tsa go lwela boswa le ba ba amogang bana bogolo jang ba ba dingwaga tse di kwa tlase boswa jwa bone.
Magosi a a neng a tsene bokopano joo, a ne a lebogela ditirelo le ditlhaloso tsa ka fa ofisi eo e berekang ka teng.
Kgosi Rapelang Khuwe wa Marobela a re e le dikgosi, ba ntse ba sa jesiwe diwelang ke dikgang tsa batho ba ba lwelang dithoto tsa boswa tse di feletsang di kgaoganya malwapa.
A re ba feletse ba tsaya ditshwetso, go kgaoganya boswa mme ka kitso e ba e amuleng go tswa kwa ofising, ba tlaa rotloetsa morafe go ikgolaganya le ofisi eo, go tila dikgotlhang ka dikgang tsa boswa.
E ne e rile pele, leloko la komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Ontlogetse Dobela a supa fa motse o tlhaelelwa ke metsi mo banni ba setseng ba a nwa metsi a noka e le yone e leng kgakala le motse, selelo se Mme Kerekang a solofeditseng fa a tlaa se fetisetsa kwa go ba ba lebaneng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : DAGWI
Event : Letsatsi la go isa ditirelo kwa bathong
Date : 18 Aug 2022