Go tima molelo boikarabelo jwa botlhe
18 Aug 2022
Banni ba Kokotsha ba kgothaditswe go nna le seabe le boikarabelo go thusa go tima molelo fa o tlhagogile go itsa gore o seka wa senya dithoto, loruo le diphologolo tsa naga ka di na le seabe mo itsholelong ya lefatshe.
Mogolwane mo lephateng la tshomarelo dikgwa le dibapalwa nageng kwa Tsabong, Rre Keodirang Mutukwa o tlhalositse fa go na le mefuta e le meraro ya go sha ga melelo e akaretsa go sha kwa tlase ga lefatshe, o o tukang kwa godimo ga ditlhare le o o ka tukang kwa godimo ga bojang.
A re kwa kgaolong ya Kgalagadi go tlwaelesegile o o fa godimo ga bojang ka bo le bontsi, bogolo jang ka nako ya pula e nele.
Rre Mutukwa yo o neng a bua kwa thuto-seka dipuisanong e e neng e tshwerwe kwa Kgalagadi Borwa ka maikaelelo a go tlhatlhelela banni dikitso tsa go tima molelo, ditlamorago le borai jwa one mo matshelong.
A re go tlhagoga ga melelo go ya ka maitemogelo le ditlhotlhomiso o bakwa ke batsomi, bagogi ba motsoko, mogote o o feteletseng, go tshuba bojang kwa masimong kana kwa merakeng, legadima le tse dingwe.
A re melelo e kgotlela loapi.
Rre Mutukwa o supile fa batho ba ba thusang go tima molelo e le baithaopi ba sa atswiwe ka sepe, fa e se go ba thusiwa ka dijo, metsi le kapari ya itshireletso.
O gakolotse banni go kopa diteseletso tsa go tshuba kwa masimong ka lephata le seka seka pele gore a go maleba le diphatsa tse ka nnang teng.
A re tshwaragano ya boeteledipele jwa metse, mapodisi, lephata la tshomarelo dikgwa le dibapalwa nageng le setshaba e botlhokwa.
Rre Mutikwa o supile fa paka ya melelo e tlwaelesegile go simolola ka kgwedi ya Motsheganong go fitlha Ngwanatsele ngwaga le ngwaga, fa bojang bo omelela, diphefo di foka ka e le tsone tse di gakatsang melelo.
A re go le gantsi batho ba nna maoto a tshupa go potlakela go tima molelo fa bangwe ba re ga di ba ame mme ke o ne mabaka a a ba gwetlhileng go tsaya kgato, go isa dithuto kwa setshabeng.
O boletse fa mo nakong ya gompieno ba setse ba rutuntshitse banni, bogolo jang banana ba le lekgolo le masome a mabedi go simolola kwa Middlepits cluster, Omaweneno le Kokotsha mme ba solofela go bona pharologanyo le maduo mo go lwantsheng melelo le go nna le kitso ka fa e ka tshwarwang ka teng.
Rre Mbiganyi Dipotso, go tswa kwa United Nations Develelopment Programme o tlhalositse fa ba tshwaragane le lephata la tshomarelo dikgwa le dibapalwa nageng ka tsa tlhokomelo lefatshe, kgotlhakgotlhano ya batho le diphologolo gammogo le tokafatso matshelo a bone go simolola ka ngwaga wa 2018 kwa Kgaolong ya Kgalagadi le Gantsi ka go thusa ka dithuto le madi.
Rre Dipotso o boletse fa ba thusa mo ditirong tsa go tlhabolola metse le merafe jaaka ba thusa ba BORAVAST ka chacoal production kwa Bokspits, Fodder Production le tiro ya letswai kwa Zutshwa kwa kgaolong ya Kgalagadi Bokone.
Kgosi Lefoko Kudume wa Kokotsha o tlhalositse fa morafe o itshetsa ka dibapalwa nageng di akaretsa sengaparile, mahupu, moretwa maungo a naga le dimela tse dingwe mme e le selelo le khuranyo ya meno fa melelo e tlhogogile ka di nyelela.
O boletse fa banni ba nna ba potlakela go thusa mme fa molelo o tlhaga. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : KOKOTSHA
Event : Potsolotso
Date : 18 Aug 2022