Babirwa ba moono mongwefela
16 Aug 2022
Banni ba metse ya Mabolwe, Mathathane,Tsetsebjwe, Lentswelemoriti, Gobojango, Semolale, Moletemane, Lepokole, Molalatau le Mathathane ba dumalane ka mowa o le mongwefela gore kgaolo ya bone e kgaoganngwe ga bedi.
Banni ba buile jaana kwa diphuthegong tse di neng di buisiwa ke lekoko le le romilweng go tsaya megopolo mabapai le go kgaoganngwa ga melelwane ya botlhophi ya bopalamente kwa Gobojango le Bobonong ka Mosupologo.
Morafe o gateletse fa go le mabaka a mantsi a go tshwanetseng go itebaganngwa le one go na le go ikaega ka dipalo tsa batho.
Ba supile fa fa lmabaka la gore bontsi jwa metse e bo dikaganyeditswe ke dithaba, dinoka tse ditona le bophara jwa kgaolo a ka dirisiwa go kgaoganya kgaolo gabedi jaaka molao-motheo wa lefatshe o tlhalosa.
Rre Onkarabile Goja go tswa kwa Gobojango, o supile fa tse tsotlhe di dira gore ka nako ya dipula, batho ba bo ba sa kgone go kgabaganyetsa kwa mafelong a mangwe go ya go batla ditlamelo di tshwana le tsa botsogo.
Rre Goja a re fa kgaolo e ka kgaoganngwa gabedi, go ka dira gore ditlamelo di kgone go atamela batho go na le gore batho ba bo ba tsaya mosepele o moleele go di latela ka mabaka a go ngamoga ga kgaolo.
O supile fa go bulega ga kgaolo go dira gore mopalamente le ene a ketefalelwe ke tiro mo nako dingwe a kgonang go boa a sa lekola mafelo a mangwe.
Rre Goja a re tsela ya Selebi Phikwe-Bobonong-Plaatjan e ka nna yone e e dirisiwang go kgaoganya dikgaolo.
Rre Daniel Mosesane go tswa kwa Tsetsebjwe o supile fa le bone ba ema nokeng mogopolo wa gore kgaolo ya Bobobnong e kgaoganngwe gabedi ka gore bontsi jwa metse e e welang mo go yone e kgakala le kwa ba tsayang ditlamelo teng.
A re ba tsaya ditlamelo tsotlhe kwa Bobonong mme thulaganyo e, e a ba turela ka go le kgakala e bile go se na ditsela tse di siameng.
A re metse e mengwe e mennye ga e kgone go bona ditlamelo ka di felela kwa metseng e megolwane, mme go kgaoganya kgaolo ke gone go ka arabang selelo sa bone.
Morafe o ne wa dumalana gore fa dikgaolo di kgaoganngwa, di bidiwe Bobirwa Borwa le Bobirwa Bokone, ba supa fa batho ba kgaolo eo e le batho ba letso le le ngwe fela e bile ba bua teme e le nngwe.
Mopalamente wa Bobobong, Rre Taolo Lucas o supile fa a dumalana le morafe gore kgaolo e bidiwe Bobirwa jaaka go ne go ntse pele ka leina la gompieno la Bobonong le baka kgotlhang gareng ga metse.
Rre Lucas a re go dingalo go bereka kgaolo ka e le tona e bile e le bophara, mme se se dirang gore go nne bokete le go feta ke gore kgaolo e tshwaraganetse molelwane le Zimbabwe le Afrika Borwa, selo se se bakang go kekela ga go utswiwa ga leruo le diphologolo.
A re selo se ka bo sone se dira gore e nne o kare mopalamente o palelwa ke tiro ka bontsi jwa dikgang a sa kgone go di tsibogela ka nako. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : BOBONONG
Event : Diphuthego
Date : 16 Aug 2022