Lenaneo la nyeletso lehuma le na le maduo
16 Aug 2022
Mme Nametsego Mesho wa kgotla ya Bothatogo mo Gumare, ke mongwe wa bagwebi ba babotlana ba dikgwebo tse di atlegileng morago ga go thusiwa ka lenaneo la nyeletso lehuma.
Fa a bua mo potsolosong le BOPA bosheng mo Gumare, Mme Mesho yo o mo kgwebong ya go roka diaparo, o tlhalositse fa a thusitswe ka lenaneo leo ka 2014.
Mme Mesho a re didirisiwa tsa gagwe di ne tsa tla ka go farologana, ka jalo a simolola kgwebo ka 2015.
A re o simolotse ka go dira paka ya sekole ya basetsana, mme a nna a e rekisa kwa marekisetsong a Gumare, go dira jalo ga dira gore tiro ya gagwe e itsewe.
O ne a amogelesega sentle mo mmarakeng, mme ya re ka 2016, a simolola go dira paka e e tletseng mme a tsaya bontlha bongwe jwa paka eo a ya go ipapatsa kwa ofising ya boipelego gone mo Gumare.
A re ba ofisi ya boipelego ba ne ba mo opela diatla, mme morago ba mo thapa gore a direle bana ba ba tlhokileng lesego paka ya sekole, sengwe se a reng se tsweletse le gompieno, ka a na le botsalano le ba boipelego.
Mme Meshoo o dingwaga tse di masome matlhano le bosupa, mme ke mo-na-le bogole.
A re o itumelela lenaneo la nyeletso lehuma ka le mo thusitse gore a kgone go itshetsa. O tlhalosa fa a simolotse a sa itse go roka, mme o ne a isiwa dithutong tsa go roka ke ba boipelego.
O bile a re o ne a dirisa dipoelo tsa kgwebo ya gagwe go kabakanya letseno, ka a agile dikamore tse tharo tse e leng tsa phiriso. Le fa go ntse jalo, Mme Mesho a re o kopana le dikgwetlho mo kgwebong ya gagwe, ka theko e kgona go ya tlase dinako tse dingwe, e bile a re didirisiwa tse a rokang ka tsone di kgona go senyega, mme go sena kwa di ka baakanngwang teng mo Gumare. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : GUMARE
Event : Potsolotso
Date : 16 Aug 2022