Breaking News

Modulasetilo o tshwenngwa ke boitseme jwa babereki

16 Aug 2022

Modulasetilo wa khansele ya Kweneng, Rre Motlhophi Leo o ngongoregetse ditiro tse di tsayang lobaka go fela, ntateng ya madiadia a badiri ba khansele.

A re se se swabisang ke gore khansele ke yone e diegang go tsibogela matshwenyego a beng ba dikonteraka, ba a reng ba ne ba itsewe ka go tlhoka go dira tiro ka botlalo mme ba  gompieno, ba ikemeseditse go dira tiro ka botlalo sebe sa phiri e le gore ba diiwa ke badirelapuso.

Rre Leo o buile se bosheng fa a ne a lekola ditiro tse di dirwang ke dikonteraka tse di hirilweng ke khansele potlana ya Letlhakeng, tse di akaretsang go baakanya sekole se sebotlana sa Takatokwane, go aga diofisi kwa Dutlwe le tse dingwe.

A re mong wa konteraka ee shafatsang sekole se se botlana sa Takatokwane o kwaletse khansele, a ngongorega ka ditlhotlhwa mme khansele ya seka ya mmusetse phetolo ka mokwalo, tsamaiso e a tlhalosang e le borai a re tshwanelo ke go tsibogela dikgang ka mokwalo le go tsisa didirisiwa tsa kago ka nako gore tiro e dirwe ka bonako.

O gakolotse gore fa ba fokotsa tiro ka ntlha ya tlhaelo ya madi le ditlhotlhwa tse di golelang pele, ba dire jalo ka mokwalo le go papamatsa sentle gore mong wa konteraka a dire eng a tlogele eng.

Kgakololo e, e ne e le go tsibogela selelo sa mong wa konteraka, yo o baakanyang sekole sa Takatokwane, Rre Motshegetsi Sekgweng, yo o supileng fa madi a a neetsweng go baakanya sekole a le kwa tlase fela thata ebile ditlhotlhwa tseo di dirilwe ka 2019 fa tiro yone a e neetswe monongwaga.

Rre Sekgweng a re khansele e tsaya nako go ya go lekola tiro e a e dirileng mme a ka se ke a tswelele ka tiro fa e nngwe e ise e tlhatlhobiwe a bo a kopa gore khansele e dire ditlhotlhwa tse disha ka jaana tsa ntlha di siilwe ke nako.

Kwa Dutlwe, Rre Desmond Gobuiwang le e ne o kaile fa khansele e sa mo duele sentle, go sa lekolweng le go sa tlisa didirisiwa ka nako.

A re o felela a latlhegekwa ke babereki ka ntlha ya go tlhoka tiro.

Modiri go tswa kwa lephateng la dikago, Rre Robert Motaung o supa fa ba itse ka selelo sa beng ba dikonteraka mme ba neetse bagolwane go di tsibogela.

A re ba okeleditse beng ba dirakonteraka sebaka ka jaana ba kopanye le dikgwetlho tse di dirileng gore ba seka ba fetsa tiro ka nako.

Kwa Tshwaane gone go nnile le pego e e nametsang ya gore tiro ya go gokela motlakase wa marang a letsatsi e wetse le fa go na le bothata jwa gore ga o dire sentle ka ntlha ya gore o a imelwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : TAKATOKWANE

Event : Tekelo

Date : 16 Aug 2022