Breaking News

Barui ba lela ka go sa ikanyega ga badisa

16 Aug 2022

Puo e e reng ka e tlhoka ka tlhoka boroko ka e bona ka nna ka bo tlhoka, ga se ya molomo fela, e a tshela kwa masimong a kgaolo tsa Serowe, kwa barui ba lelang ka tlhokomelo ya leruo la bone.

Ba bua ba sa kgwe mathe ka go tlhoka go ikanyega ga badisa bangwe, selo se se bakang poelo morago ka go nna le tshenyo fa ba phuagantse dilo tse ba di hiretsweng.  

Go phuaganya mo go tlogetse barui bangwe ba sena boitiro, mme go tlogela ditiro go itebaganya le leruo la bone, ka se se itsa tatlhegelo.  

Mo potsolotsong morui mongwe kwa Soko Rre Mosalagae Segotso a re le ntswa badisa ba sena tlhokomelo mo leruong fa kgwedi e fela ba batla tuelo ka potlako.

Rre Segotso o supile Gore nako e ba nyelelang ke yone e barui ba salang ba senyegelwa.

Morui yo, o tllhalositse fa a ne a tlogela tiro  go ya go itebaganya le go tlhokomela le go atisa leruo la gagwe, a re barui ba ba itisetsang jaaka ene ba itemogela pharologanyo e tona mo thuong ya bone fa ba tshwantshanya le nako ya ba ikaegile ka badisa.

Rre Goitsemodimo Pelonomi wa masimo a Mmabahumi, o tlhalositse mo potsolotsong bosheng fa seemo seo se jwetse mowa wa go itlhokomelela leruo mo baruing.

A re go sa ikanyegeng ga badisa mo ba go supang ka ditsela tse di farloganyeng di akaretsa tlhokomelo e e tlhaelang mo leruong, ga mmogo le go phuaganya tiro ntle le go fa morui sebaka sa go ipaakanya ke dingwe tse di busetsang barui kwa morago ka gangwe le gape go ba bakela ditatlhegelo.

Le fa go ntse jalo, o boletse fa molemo wa kgang e le go baya modisa leitlho gore fa dilo di fapoga mo tseleng morui a kgone go lemoga go sale go sha.

“Modisa o batla o mo lekola kgapetsa-kgapetsa,,” a gakolola jalo.

Fa a tsibogela matshwenyego a baruakgomo, modisa Rre Barulaganyi Malope o ne a supa barui ka monwana a re ba ba paledisa tiro.

A re barui bangwe ga ba duele badisa ka nako, fa ba bangwe bone ba ba kgokgontsha ka mafoko.

“Mo gongwe o kgona go utlwa lekgowa le go raya le re le kgaola madi ka gore o timeditse kgongwana nngwe kana kgongwana nngwe e robegile,” a buwa jalo, a supa fa se e le kgokgontsho ya maikutlo mo modiseng.

A re se sengwe ke gore bahiri ba bone ba kgona go sale ba tsamaile ba sa tle go ba tlhola, mme se se tlhokise badisa sebaka sa go bona malatsi a boikhutso go ka ya go lekola ba malwapa a bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Patricia Speakson

Location : SEROWE

Event : Potsolotso

Date : 16 Aug 2022