Khubu e e rurugileng e a alafesega
15 Aug 2022
Batswana ba kgothaditswe go bona ba bongaka fa ba na le mohubu o rurugileng kana o tswetseng kwa ntle.
Se se builwe ke mooki, Rre Aobakwe Lesolame wa sepatela sa Kanye Adventist Hospital bosheng jaaka a ne a ruta Batswana ka go ruruga ga mohubu.
Rre Lesolame a re gangwe le gape batho ba nna le mohubu o rurugileng, mme ba o tlogele fela, bogolojang ka o se botlhoko. A re mohubu fa o rurugile, go a bo go supagala gore sengwe ga se a siama mo mmeleng, mme ka jalo go batla ba bongaka go ka dira ditshekatsheko.
O ne a re go na le kgonagalo ya gore ngwana e re a tsholwa, khubu ya gagwe e bo e tswela kwa ntle. A tlatsa ka gore mo tsamaong ya nako mohubu o tla bo o ipusetsa mo teng fa ngwana a ntse a thuthuga.
A re fa mohubu o sa boele mo teng ngwana a setse a le dingwaga di feta botlhano, go a bo go supa gore sengwe ga se tsamae sentle mo mmeleng, mme ka jalo ngwana wa go nna jalo o tshwanetse bona ba bongaka go dira ditlhatlhobo, mme a re kalafi ke loaro.
Mabapi le tumelo ya Setswana ya gore khubu e tsenngwa madi a tshipi, a bo go bofiwa, mme kgabagare o tla boela, Rre Lesolame o ne a re bone e le ba bongwaka, ba dumela thata mo kitsong e rotloeditsweng ke dipatlisiso, mme ka jalo a rotloetsa gore fa ngwana a le dingwaga dile thataro mme khubu e ise e boele mo teng, ba bone ba bongaka, ga mmogo le bagolo.
Le fa go ntse jalo, Rre Lesolame o ne a kopa batho go tlhokomela mehubu ya bone, a rotloetsa gore e nne e le phepa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesedi Thatayamodimo
Location : GABORONE
Event : Dithuto
Date : 15 Aug 2022