Dikgosi di gakololwa go tswa mo polotiking
15 Aug 2022
Dikgosi tsa kgaolo ya Ghanzi Borwa le Bokone di gakolotswe go ikgapha mo go inaakanyeng le merero ya tsa sepolotiki ka jaana go le kgatlhanong le molao o tsamaisang bogosi.
Tona wa lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse o buile jalo mo puisanyong le dikgosi tsa kgaolo ya Ghanzi Borwa le Bokone kwa Charleshill le Ghanzi bosheng.
Tona Autlwetse a re go tsenelela merero ya sepolotiki go ka kgotlelela bogosi, ka ba ka tloga ba retelelwa ke go tsaya ditshwetso tse di maleba.
A re gape go tsena mo polotiking go ka baka gore ba tseye matlhakore fa ba rarabolola dikgang, mme seo se tloge se tsale mowa wa kgaogano ya morafe.
Tona o boleletse dikgosi gore ka fa tshwanelong, dikgosi ke tsone bagakolodi ba puso e seng baganetsi.
Ka jalo, o ne a ba gakolola gore ba na le tshwanelo ya go phadisanya mo maemong a sepolotiki fela fa ba ithotse marapo a bogosi.
Mo go tse dingwe, Tona Autlwetse o ne a kopa dikgosi gore ba iphaphe mo go kubetsanong ka ntlha ya go eletsa maemo a bogosi ntswa ba itse gore letsalo la bogosi le tsamaya jang.
A re mokgwa o, ke one o feleletsang o dira gore go nne le bogosi jwa ditlhopo mme a supa fa ka ngwao ya Setswana, bogosi bo tsalelwa e seng tlhopo.
A re ba itemogetse gore mo metseng mengwe, go nnile le yone tshokamo eo, mo o fitlhelang bontsi jwa magosi mangwe ba tshwere maemo ao, mme go se maleba e le ka ntata ya yone tlhopho.
A re se o fitlhela se tsala ketsaetsego ka jaana go sena motlhala o papametseng go tlhalosa ditso tsa bogosi jwa teng ka bonokopila.
A re lephata le mekamekana le dikgang tsa go lwela bogosi mme e bile dikgang dingwe di felela di sekwa kwa makgotleng a ditsheko, selo se a se kgadileng a sa kgwe mathe.
Ka jalo, o ne a ba kopa go kwala mekwalo e e rurifaditsweng ka fa molaong e e supang keletso ya bone ya gore fa ba tlhokafala ba tla tlhatlhamiwa ke bomang.
A re seo, se tla thusa gore bogosi jwa metse ya bone bo seka jwa aparelwa ke dikgang.
Tona a re go ngomola pelo go bona motho yo mongwe a rontshiwa tshwanelo ya bogosi le mororo bo mo lebane, ka jalo a rotloetsa ba ntlo ya bogosi go nna kelelelo go netefatsa gore ba tsamaisa merero ya bogosi ka sentle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Fredricah Nguahoka
Location : GHANZI
Event : PUISANYO
Date : 15 Aug 2022