Breaking News

Khamphani ya Mascom e aba dipompo

15 Aug 2022

Khamphani ya Mascom e akgoletswe go tswelela e dira pharologanyo mo matshelong a ba ba tlhokileng lesego, ka go ba thusa ka ditlamelo tsa botlhokwa di tshwana le metsi.   

Se se builwe jaaka Mascom e ne e abela malwapa a le mararo dipompo tsa metsi kwa motseng wa Thamaga ka Matlhatso e le tsela nngwe ya go supa mowa wa lorato le bopelotlhomogi mo setshabeng.

Erile fa a bua kwa moletlong wa kabo dimpho tseo, moemedi wa khamphani ya Mascom Mme Lepe Dikwakwa a tlhalosa gore ba ne ba ikgethela go thusa malapa a le mararo a a tlhaetseng go tsenya metsi ka lenaneo le ba le bitsang “three for three” le maikaelelo a lone e leng go ngathogana bonyennyane jo ba nang le jone jwa dipoelo le tshaba ya lefatshe leno.

A re lenaneo leo la go aba, le reeletswe ka dikgosi tse tharo tse di diretseng lefatshe le, mme ka lone, ba dira ditiro tse di farologaneng tsa go tokafatsa matshelo a ba ba tlhokileng lesego.

Mme Dikwakwa o supile gore ba ne ba itshwaragantse le ba koporase ya metsi Water Utilities ka go duelela malwapa ao dipompo gore ba gokelwe metsi fa ba lephata la boipelego bone ba ba thusitse go bona malwapa a ba ka a thusang, a lebogela tirisanyo mmogo eo.

Mokhanselara wa kgaolo ya Thamaga Bophirima Rre Tona Selala o lebogetse tiro e ntle e e dirilweng ke ba Mascom le koporase ya Water Utilities.
“Mascom jaaka e dira jaana e supa gore madi a re rekang ditirelo tsa bone re a bo re ipeela,”a bua jalo a supa botlhokwa jwa go rotloetsa kompone ya Mascom.

Rre Selala o tlhalositse gore go ne go le maleba ebile go le botlhokwa go abela boo-rra Tsibogang, bangwe ba ba abetsweng ka jaana go thaiwa ntlo e e agiwang ke baithaopi.

A re go gokela metsi mo lelwapeng leo go tlaa dira gore go nne bonolo gore kago eo e tswelele sentle go sa rekwe metsi.

O  kgothaditse khampani ya Mascom go tswelela ka go direla ba ba tlhokileng lesego lefatshe ka bophara.

Moemedi wa Water Utilities Mme Temo Nko a re metsi ke botshelo ka jalo o rotloeditse ba ba abetsweng go a somarela go itsa dituelo tse di kwa godimo.  

Fela jaaka dibui tse dingwe le ene o lebogile khampani ya Mascom ka tiro e ntle e ba e dirileng.

Fa a bua mo boemong jwa ba ba abetsweng rre Mogakolodi Tsibogang o supile fa a tletse boitumelo thata ebile a lebogela mpho e e kalo kalo eo.  O tshepisitse fa a tlaa tlhokomela pompo eo le jarata. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : Thamaga

Event : kabo mpho

Date : 15 Aug 2022