Breaking News

Mainane a rotloetsa popagano ya setshaba

14 Aug 2022

Go tlhaba mainane go kailwe fa e le nngwe tsela e e ka tswelelang e rotloetsa popagano fa gare ga bagolo le bana.

Mafoko a a builwe ke Dr Nanikie Ramabu kwa tshimolodiso ya buka ya mainane e e bidiwang Legaleng mo Gaborone ka Matlhatso.

Maikaeleo a buka e ke go tsibosa bana ka metlhale ya bogologolo ya itloso bodutu.

Buka e, e kwadilwe ka puo ya Setswana ke Dr Ramabu, Rre Emmanuele Bofelo ga mmogo le Edwin Moroka, boraro joo bo na le maitemogelo a a kgatlhisang tebang le tsa bodiragatsi ka puo ya Setswana.

Dr Ramabu a re mainane ke bontlha bongwe jwa ngwao jo bo neng bo rotloetsa popagano le lerato fa gare ga bana le bagolo, a tlatsa ka gore a ne a tlhabiwa ke bagolo go kgobokwanwe mo isong.

A re go kokoana le go nna gaufi le bagolo go ne go  dira gore bana ba nne le boleng e bile ba kgone go tswelela ba anywa lerato, sengwe se se neng se rotloetsa tomagano le go phuthuloga  ga  bana mo bagolong.

A re e re  ntswa mainane e ne e le tsela ya go itlosa bodutu, dithamalakane, maele le manatetsha puo a mangwe a a neng a dirisiwa a ne a ruta bana  puo ya Setswana, sengwe se a kaileng fa e le bontlha bongwe jwa ngwao.

O ne a  supa fa mainane a na le melaetsa e e rotloetsang boikgapho le gone go itse meila ya Setswana e e neng e thusa go aga motho go nna le botho bo bo  kgatlhisang e bile bo eletsega.

Dr Ramabu a re le ntswa malapa ka bontsi a tshelela mo diphetogo tsa sesha, go  dingalo gore batho ba ka kokoana fa isong, ka jalo buka e ya Legaleng e ka dira pharologanyo ka jaana e ka balelwa gongwe le gongwe, mo dikamoreng tsa itapoloso, kgotsa matlo a borutelo gore bana ba nne le maitemogelo ka mosola le melaetsa ya mainane ka go farologana.

Fa a tswa la gagwe, motlhatlhelela dithuto wa pele kwa University ya Botswana, Rre Barolong Seboni yo gape a leng mmankge wa mokwadi le poko o akgotse bakwadi ba buka ya Legaleng a re e tla thusa go ruta bana  puo ya Setswana ga mmogo le dikarolo tsa yone.

A re go itse puo ya Setswana go ka thusa e bile ga tlhofofaletsa batho go itlhalosa le go itse ka ditso le letso la bone.

Go sale foo, Rre Seboni o gateletse botlhokwa jwa go kwala dibuka tse di ka tlhalosang dilo ka go farologana bogolo thata ka dikitso tsa mo gae. O supile fa  seo e tla bo e le go betla tsela ya go di somarela gore di seka tsa nyelela, a tlatsa ka gore boleng jwa go kwala ga bo ke bo siiwa ke nako. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : GABORONE

Event : Tshimolodiso ya buka ya mainane

Date : 14 Aug 2022