Dikoporase di tshwanetse di go nna le tebelopele
14 Aug 2022
Modulasetilo wa pele wa koporase ya Moiyabana, Sehunou le Mabuo (MOSEMA), Rre Serame Gaerobale a re koporase e tshwanetse go nna le tebelopele.
Rre Gaerobale a re koporase e tshwanetse go nna le tsela e e lolameng ya tsamaiso le go gweba, bogolo jang ya ipapatso.
A re bontsi jwa dikoporase di felela di sa dire sentle ntateng ya gore ga go a simolola go nna le moalo o o supang gore di tla dira jang, gore di kgone go tswelela.
Erile a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Gaerobale a supa fa se se supafetse mo dikoporaseng tsa metse ya Moiyabana, Sehunou le Mabuo (MOSEMA) e e neng ya felela e phutlhama, ntateng ya ditsamaiso dingwe tse di neng tsa seka tsa salwa morago.
A re ere ntswa motse mongwe le mongwe o ne o na le koporase e e neng e na le tiro e e dirang, tiro kgolo e ne e dirwa ke koporase ya Moiyabana, mme e bile ya felela e le yone e e neng ya tswelela botoka.
Rre Gaerobale a re koporase ya bone e ne e dira ditiro tse di farologaneng di tshwana le go loga ditlatlana, go roka mabante, go suga matlalo, e dira diphate, go roka ditlhako, dihutshe le tse dingwe, tse di dirwang ka matlalo fa kwa Sehunou ba ne ba ruile dikolobe, mme ba Mabuo ba ne ba ruile dipodi. A re koporase ya MOSEMA e ne e dira dilwana tse di nang le boleng, mme go ne ga utlwisa botlhoko gore e bo e felela e tswalwa.
Rre Gaerobale o ne tlhalosa fa maloko a dikoporase a tshwanelwa ke go nna boineelo mo go se ba se dirang, e bile go tshwanetse go nne le morero. A re fa go bitswa bokopano, leloko lengwe le lengwe le tshwanetse go itiaa ka thupana go ya bokopanong, selo sa a reng se ne se tlhaela kwa MOSEMA.
Rre Gaerobale o ne a supa fa ntlha e nngwe e e neng ya phutlhamisa koporase ya MOSEMA e le dingongorego tse di mmalwa tse di neng tsa felela di dira gore e seka ya dira. A re ba metse e mengwe ba ne ba supa maloko a koporase ya Moiyabana ka monwana ba re ba dirisa madi ba tima metse ya bone,
O supile fa koporase ya MOSEMA e ne e le mogopolo o montle thata e bile e dirile go le gontsi, mme e ne ya kgoreletswa ke go tlhoka kemo nokeng, go tlhoka mmaraka le go sa lomaganeng ga metse.
Ka jalo, a re e ne e re ba fetsa tse ba neng ba di dira ba bo ba rekisetsa ba Khama Rhino Sanctuary fela. A re fa ba ne ba nnile le tebelopele ya go batla mafelo a mantsi a ba neng ba ka rekisetsa kwa go one, ba ka bo ba ne ba tswelela sentle.
Rre Gaerobale a re dikgang tse di phutlhamisitseng koporase ya MOSEMA di rutile motse wa gagwe sengwe, mme e tlaare mo tsamaong ya nako, ba bone gore ba ka dira eng se se ka sologelang motse molemo, ka ba lemogile fa dikoporase di ka tlhabolola metse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : MOIYABANA
Event : Potsolotso
Date : 14 Aug 2022