Breaking News

Banni ba kopa gore dikgaolo di se fokodiwe

14 Aug 2022

Bontsi jwa banni ba Selebi phikwe ba supile fa ba eletsa gore dikgaolo tsa botlhophi tsa bopalamente di tswelele di le pedi jaaka go ntse.

Ba buile se kwa phuthegong e e neng e tshwerwe kwa Botshabelo ka Labotlhano, e buisiwa ke lekoko le le rumilweng go tsaya megopolo mabapi le go kgaoganngwa ga melelwane ya dikgaolo tsa botlhophi tsa bopalamente.

Banni ba supile fa ba sa dumalane thata le maduo a a sa tswang go gololwa a palo ya batho a a supileng fa palo ya batho e wetse tlase kwa Selebi Pikwe ba re seo, se ka tswa se bakilwe ke gore ka nako eo, batho ba ne ba seyo mo malwapeng ba ile go bapala phane.

Ba re lebaka le lengwe ke gore bontsi jwa batho ba tlogetse bana, go ya go batla mafulo a matalana go tshetsa ba malwapa a bone morago ga go tswalwa ga moepo wa BCL mme se, se sa reye gore ga ba na go boela gae.

Mongwe wa banni, Rre Phetogo Lepetu o supile fa dipalo tse di sa tswang go ntshiwa ke ba ofisi ya palo batho e se tse di ka dirang gore go bo go ka fokodiwa dikgaolo tsa botlhopi tsa mapalamente ka Selebi Phikwe a tsweletse ka go amogela bagwebi.

Rre Lepetu a re, khamphani e e lemang maungo a citrus, e go solofetsweng gore e re ka ngwaga wa 2024 e bo e simolola go ntsha maungo, e solofeditse go thapa batho ba feta lekgolo fa moepo wa BCL o ne o tsweletse ka go thapa batho mme se ka bo sone, se tsile go dira gore dipalo tsa batho di oketsege mo kwa Selebi Phikwe.
Fela jaaka Rre Lepetu, Rre Keineetse Saleshando o kopile komiti go seka ba ikaega thata ka maduo a palo ya batho e e sa tswang go feta ka dikhamphani di tsweletse ka go goroga go tla go tlhamela batho ditiro.

Rre Saleshando a re, se se tlaabo se raya gore palo ya batho e a oketsega, a re se sengwe se se tshwanetseng go elwa tlhoko ke gore Selebi Phikwe o na le mathata a a sa tshwaneng le a dikgaolo tse dingwe jaaka kgatelelo ya lehuma mme se, se dira gore tiro ya mopalamente e nne bokete le go feta.

Rre Kabo Baipidi e ne a re, ga go ka diragala gore kgaolo ya botlhophi e nne nngwefela, go tsile go dira gore toropo e salele kwa morago mo ditlhabololo ka madi a ditlhabololo a dikgaolo a tlaabo a fokotsega go nna a kgaolo e nngwefela.

Rre Ishmael Hall o rotloeditse lekoko gore bogolo ga e le gore dipalo tsa batho ba Selebi Phikwe ga di letle gore dikgaolo di nne pedi, go ka ngathiwa bontlha bongwe jwa kgaolo ya Mmadinare ka le yone e le tona go tlatsa ya Selebi Phikwe, fa Rre John Lebetu e ne a ne a supa fa a sa dumalane le gore dikgaolo di tswelele di le pedi, a re se se tlhobosiwa ke palo ya batho.

Rre Lebetu a re Selebi Phikwe o lebanwe ke go nna le mopalamente a le mongwe fela gore madi a a ntseng a dirisiwa go duela a dirisiwa go thusa Batswana ba bangwe ba ba gateletsweng ke lehuma.

Mme Elizabeth Masire yo e leng mongwe wa lekoko, o ne a supa fa tiro ya bone e le go tsaya megopolo mo setshabeng mme e re morago ba e rolele Tautona go e phatlalatsa mo makwala dikgang gore setshaba se e bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Phuthego

Date : 14 Aug 2022