Tlhoka kutlwisisanyo e ka ama kagiso le ledula
14 Aug 2022
Magosi a kgaolo ya Bokone Botlhaba ba re go tlhoka kutlwisano le kubetsano gareng ga ga tautona Dr Mokgweetsi Masisi le tautona wa pele, Lt Gen. Seretse Khama Ian go a tshwenya ka jaana go sa ema lefatshe leno sentle.
Ba retlhoka kutlwisisanyo eo, fa e ka tswelela e ka kgobera kagiso, thokgamo le ledula, tse lefatshe leno le itsegeng ka tsone.
Ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla kwa Masunga bosheng, e mo go yone tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse a neng a ba lekodisa ka phapang magareng ga bobedi joo.
Magosi a re lentswa go tlhalosiwa fa go kile ga dirwa maiteko mangwe a go tshereganya bobedi jo mme ga itaya sefololetse, go botlhokwa gore go batliwe ditsela dingwe tsa go leka go ba letlanya pele seemo se ya masweng.
Bangwe ba ne ba tswa ka mogopolo wa gore kgang eo, e begelwe lekgotla la mafatshe a selekane (SADC) ka e ka tsalela lefatshe leno madubadube mmogo le go le diga seriti sa lone.
Magosi mangwe a re ka tautona wa pele Lt Gen. Khama e le Kgosi, ba bona go ka nna botoka gore go tlhomiwe lekoko la magosi mangwe a lefatshe leno go leka go thusa mo kgannyeng eo, fa bangwe ba re e rarabololwe ka semolao.
Kgosi Maruje III wa Masunga o supile fa kgang eo, e le bokete ka jalo go tlhoka gore Batswana ba retologele kwa Modimong le go ikanya thapelo, a re Modimo ke one fela o ka ba neelang botlhale le go phatsimisetsa lefatshe leno sefatlhego mme madubadube ao a rarabologe.
Kgosi Maruje III o supile fa kgang eo e se ya batho ba le ba bedi mme e ama le motheo wa lefatshe leno.
O ne a kgala Batswana bangwe ba e reng go na le bothata bongwe bone ba bo ba kgotletsa molelo.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Thuso Ramokate wa Makaleng a re batho ba ba neng ba akarediwa kwa tshimologong go letlanya mo kgannyeng eo, ke ba phathi ya Botswana Democratic party (BDP), ka jalo o belaela e ne ya tsewa ka sepolotiki mme seo sa baka gore go bo go sena nko e neng ya tswa lemina.
Kgosana nngwe ya Gulubane, Kgosi Wililani Nkhwa a re fa go ne go kgonagala go ne go ka nna molemo fa tautona wa pele a ne a ka nna le sebaka sa go ba buisa le ene fela jalo a ntsha polelo ya gagwe.
Magosi a kgaolo ya Bokone Botlhaba ba ne ba leboga tona Autlwetse ka go ipha matsapa a go ba sedimosetsa ka matlhasedi a go itaana ka noga e tshela ga bobedi joo, ba supa fa ba ne ba le mo tsietsing mme jaanong ba setse ba na le lesedi la gore modi wa kgang ke eng. Ba re go botlhokwa gore setshaba le sone se lekodisiwe ka kubetsano eo.
E ne erile go le pele Rre Autlwetse a tsibosa le go alela magosi ka fa kubetsano ya bobedi joo e simolotseng teng. A re o bone go le maleba go ba lebisa kgang eo gore le bone ba ntshe la bone, ka maikaelelo a go leka go batla ditsela tsotlhe tsa go rarabolola kgotlhang eo.
A re sengwe se se bakileng phapaano eo, ke go bo tautona wa pele a ne a solofetse gore tautona Dr Masisi o tla tlhoma monnawe, Rre Tshekedi Khama go nna mothusi wa gagwe, mme seo sa seka sa diragala.
Tona Autlwetse a re bo tautona ba ba tlogelang tiro ba na le ditshwanelo tsa bone tse e bileng di kwadilwe ka fa molaong. A re ka jalo Lt Gen Khama o ne a batla go akola dingwe tse di neng di sa mo lebana.
A re lentswa tautona Dr Masisi a lekile bojotlhe go bepisa kgotlhang eo, fela seo se ne sa itaa sefololetse ka jaana Lt Gen. Khama a ne a ipelaetsa fa botlhe ba ba neng ba kopilwe go ba letlanya ba ne ba tsaya letlhakore.
Mo go tse dingwe, Rre Autlwetse o ne a gakolola magosi go ilela bogosi le go tshegetsa serodumo sa jone ka go ikgapha mo go inaakanyeng le sepolotiki.
A re polotiki e na le beng ba yone mme dikgosi tsone boikarabelo jwa bone ke go gakolola puso.
Tona o tsweletse a supa fa dikgang tsa go lwela bogosi di tshwenya fela thata, a ba gakolola go nna ba ithulagantse go ya ka fa bogosi jwa bone bo tshwanetseng go tsamaya ka teng.
A re seo se ka thusa gore bogosi jwa metse ka go farologana bo tsamaye ka thelelo go sena dikgogakgogano dipe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 14 Aug 2022