Breaking News

Tona o lekodisa magosi ka kubetsano

14 Aug 2022

Magosi a Chobe ba re ba dumela gore kubetsano magareng ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi, le wa pele Dr Lt General Seretse Khama Ian Khama e ka rarabologa fa boo-babedi ba ka kopanngwa gore ba bolele gore gareng go tseneng.

Magosi ba ntshitse kgakololo e morago ga mafoko a tekodiso a a neng a buiwa ke Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse mo Kasane bosheng. Fa a akgela, Mothusa Kgosi ya Kazungula, Rre Mokwena Balemogeng o ne a re,  le ntswa Rre Autlwetse a tlhalositse fa go nnile le maiteko a go letlanya bagolo, o belaela fa boobabedi ba tshwanetse go kopanngwa gore ba ntshe dikgang tsa bone tsotlhe.

Kgosi Balemogeng a re o buisiwa se ke gore ene faa sekaseka mabaka a bagolo ba buang, ga se one aa ka bakang kubetsano e kanakana, bogolo jaana ka ebile tsotlhe tse Tautona Masisi a neng a di direla Dr Khama ele tse di mo molaong.

Kgosi ya Tetlanyo ko Mabele, Rre Edson Shamuka o ne kopa puso gore e eme ka dinao e dirise dithata tsa yone go busetsa Dr Khama mo gae, gore atle go tlhalosetsa Batswana gore o kobilwe ke eng mo gae.

Kgosi Shamuka a re mafatshe a a dirisanyang le Dr Khama le one go dirwe ditsela tsa gore a kgalengwe. O ne a re go tlhoka gore molao o baakanngwe gore bo tautona ba tlogelang tiro fela jaaka badirelapuso ba bangwe, ba seka ba tlhola ba kopana gope le se se tswang mo pusong jaaka go dirwa ka babereki.

Kgosi ya Tetlanyo ko Pandamatenga, Mme Jesther Amos a re o ntse a tshelela mo letshogong ka a utlwa dikgang mo maranyaneng, mme ebile o lebogela tekodiso ya ga Rre Autlwetse.

Kgosi Amos a re go utlwisa botlhoko ka gore kubetsano ya bagolo e setse e dira gore le kwa Serowe dilo di fetoge, ka batsadi ba ba kabong ba kgalema, ele bone ba gotweng ba kuketsa molelo segolobogolo.

A re o tshogela tshireletsego ya ga Tautona Masisi, bogolo jang fa a le kwa Serowe, ebile a re o ipotsa gore ke eng Tautona Masisi a sa tlotliwe jaaka go ne go tlotlwa Dr Khama.
Kgosi Amos o bile a re mapolotiki le one a beiwe lefoko la kgalemo, ka jaanong le bone ba gogomosa balatedi ba bone maikutlo ka kgang e ya kubetsano.

Kgosi Lesoma Lesoma a re kgotlhang e ya bagolo, e a tshwenya ka jaanong e tsentse mafatshe a mangwe mo teng, mme a kopa gore maiteko a tswelele a dirwe go rarabolola diphaphang tse. Kgosi ya Tetlanyano kwa Lesoma, Rre Mthandazo Mkheswa o ne re ka fa a bonang kgang ka teng, go supa fa ntwa e bolotse, mme a kopa gore puso e ikaege thata ka molao mo ditshwetsong tsotlhe.

Rre Gwara Mwezi yo eleng Kgosi ya Tetlanyo kwa Kazungula a re kgang e tlhoka thapelo ebile a re go maswabi ka Rre Festus Mogae e le ene a tsereng Dr Khama kwa sesoleng go nna mothusi wa gagwe mme jaanong Dr Khama a sa tlhole a reetsa Rre Mogae.

Fa a tswa la gagwe, Rre Autlwetse o lebogetse dikakgelo tsa bone, ebile a supa fa di tsamaelana le tsa dikgaolo tse a setseng a di tsamaile. A re se supa gore Batswana ba rata lefatsheng la bone. O tlhalositse gore ditshwanelo tsa tautona yo o tlogelang tiro di kwadilwe ka fa molaong, mme ga go nale sepe se a ka se direlweng mo godimo ga tseo, e tlaabo ele tlolo molao le tshenyetso sechaba.

E ne e rile a ba lekodisa, tona a supa go nnile le maiteko a ka nna mane a go tsereganya Dr Masisi le Lt General Khama, mme otlhe a foloditse. A re jaanong ka dikgang di setse di tsenngwang mo maranyaneng, Dr Masisi o bone go le botoka gore go rerisiwe dikgosi go batla tharabololo.

Rre Autlwetse a re mo maitekong ao a tletlamyo go lemosegile fa sebe sa phiri ele gore Lt General Khama ga a kgotsofalele dipalo tsa badiri le dikoloi tse a neng a di neetswe ke puso, gore ga a rekelwe dijo le gore o ne a solofetse gore e tlaare fa a tlogela tiro a neelwe maemo a go nna mookamedi wa makalana a itshireletso otlhe mo Botswana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keamogetse Letsholo

Location : KASANE

Event : Tekodiso

Date : 14 Aug 2022