Mohumagadi wa ga Tautona o abela ba Shakawe
11 Aug 2022
Mohumagadi wa ga Tautona, Mme Neo Masisi o rotloeditse dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse tsa Shakawe Borwa le Shakawe Bokone go itirela letseno.
Mme Masisi o buile jaana fa a ne a abela dikomiti tseo dimpho tsa matlapa a a rokang diaparo a le mabedi ka Laboraro kwa Shakawe.
O tlhalositse fa dimpho tseo di kgonagetse ka thotloetso ya barotloetsi bangwe, ka jalo a kgothatsa dikomiti tseo go di tlhokomela gore di ba tswele mosola ka a re o tshwanetse go fa barotloetsi pego gore di ba tswela mosola jang.
Mme Masisi a re matlapa ao, ba ka a dirisa go ithuta go roka e le komiti le morafe mo motseng le go dira letseno ka go rekisa dilwana tse ba tlaa di dirang.
O ne a tlhalosa fa a bone go le mosola go abela dikomiti tseo, a labile ditiro tse dintle tse ba di dirang mo motseng wa bone ntswa ba na le dikgwetlho tse dintsi di akaretsa letlhoko gammogo le kgokgontsho ya bong.
Mohumagdi wa ga Tautona o ne a tlhalosa fa puso e dira maiteko a go thusa setshaba mme a re go botlhokwa gore setshaba le sone se tsenye letsogo go itebaganya le nngwe ya dintlha tsa tebelopele ya setshaba ya 2036 e e reng katlego ya botlhe.
O ne a ba akgolela boithaopo jwa go direla motse wa bone, a ba kgothatsa go nna seopo sengwe go lwantsha mmaba kgokgontsho ya bong.
Modulasetilo wa khansele- potlana ya Okavango, Rre Lesedi Boy o ne a re go molemo go bo dikomiti tsa ditlhabololo tsa Shakawe di thusitswe ka sengwe se se ka di direlang dipoelo.
A re go botlhokwa go itirela madi go na le go kopela ruri.
Fa a amogela dimpho, modulasetilo wa Shakawe Bokone Rre Baarabi Lekgowa, o ne a lebogela matapa ao a bo a re ba ikemisetsa go a dirisa ka natla gore ba ntshe maduo mo nakong e khutshwane.
Modulasetilo wa Shakawe Borwa, Rre Lefedile Andreck le ene o ne a re ba lebogela dimpho tseo e bile ba tlaa di dirisa sentle, a tlatsa ka go re ke lesego go bo ba tlhophilwe go fiwa dimpho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : SHAKAWE
Event : Kabo dimpho
Date : 11 Aug 2022