Moshaga o tlotla magosi a pele
11 Aug 2022
Dikgosi tsa pele di tshwanetswe go tlotlwa, ka jaana ba dirile tiro e ntle ya go aga, go goga le go tshwaraganya setshaba.
Rre Taolo Moshaga, yo o tswang kgakala le tsa bodiragatsi, a re kagiso le thokgamo, tse di renang mo lefatsheng leno, ke tiro ya marara a pele, ka ba dirile go le gontsi pele ga boipuso go tlhagolela ledula le tsela.
O buile mafoko a kwa Tsabong bosheng, fa a ne a abela Kgosi David Toto II wa Tsabong seetsele sa boeteledipele jwa tlhwatlhwa mo boemong jwa ga rraagwe mogolo; Kgosi David Seetelo Toto I wa morafe wa Batlhware yo o sa tlholeng a le mo botshelong.
Rre Moshaga, yo o mo letsholong la go lemoga dikgosi lefatshe leno ka bophara ka boithaopo, a re o dira tiro eo, go lemoga botlhokwa jwa bagaka bao ba ba busitseng ka boithaopo, lorato, boineelo le ka botswapelo, pele ga lefatshe leno le tsaya boipuso, gape a setse morago mafoko a a mo Baebeleng a a reng, ‘Boifang Modimo. Tlotla Kgosi’.
O supile fa dikgosi tsa pele di nnile le seabe se sentsi le boikarabelo mo go lweleng ditlhabololo, kagiso le ledula le Batswana ba ikgantshang ka lone, e bile le melediwa mathe ke mafatshe a mangwe.
Rre Moshaga, yo gape e leng mong wa khamphani ya Global Transformation Networks, o kaile fa seetsele sa ga Kgosi Toto I, e le sa bo lesome le boraro.
A re o dira se gape go epolola ditso tsa bogosi, ka jaanong ba tlaa simolola go gopolwa le gone go direlwa difikantswe kana ba beelwa matlapa fa ba robetseng teng, ka bontsi ba tlhokafetse, gore dikgosi tsa gompieno le dikokomane tse di tlang, ba ba lemoge le go sala motlhala wa bone morago.
Rre Moshaga a re mo nakong e e fetileng, o ne a neela Tautona Dr Mokgweetsi Masisi ga mmogo le tautona wa pele Lieutenant General Seretse Khama Ian Khama dietsele tsa tlotla e e kwa godimo, ya go busa lefatshe leno ka puso ya motia, e bile e le ya batho ka batho.
Fa a amogela seetsele seo, Kgosi David Toto II o ne a phophotha Rre Moshaga legetla go bo a tsweletse ka go tlotla dikgosi tsa pele, selo se a supileng fa e le go lemoga botlhokwa jwa bone.
Kgosi o ne a tlhalosa fa rraagwe mogolo a simolotse go busa kwa Afrika Borwa e le kgosi ya Batshweneng ka 1935 go fitlhelela ka 1968, fa a tlhokafala.
A re bangwe ba morafe wa gagwe ba ne ba tla mo Botswana, mme ba tswelela e le dikgosi go fitlhelela mo nakong eno.
O ne a supa fa Kgosi David Toto I a ne a le pelokgale.
A re bopelokgale joo bo itshupile ka nako ya dintwa le batho-basweu go sireletsa lefatshe la morafe wa gagwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Kabo seetsele
Date : 11 Aug 2022