Breaking News

Mogolwane o akgola bagolo

11 Aug 2022

Bagolo kwa Chobe ba akgoletswe go tsena dithuto tsa ga-e-golelwe.

Mogolwane wa Botswana Tourism Organisation (BTO), Rre Keotshepile Mphusu o ba akgotse jalo kwa letsatsing la go bala le go kwala la Chobe le le neng le ketekwa ka setlhogo se se reng, Seabe sa Batlhatlhelela Dithuto mo go Ruteng go Bala le go Kwala mo Dikgwelthong tsa Segajaja sa COVID-19 ka Methale e Mesha.

Moletlo o ne o tshwaretswe kwa Kavimba ka Labobedi.

Rre Mphusu a re go tlhoka go itse go bala le go kwala go ka rontsha batho ba Chobe mananeo a bojanala ntswa ba le mo kgaolong ya bojanala, a afa sekai sa gore mologi wa ditlatlana o ka felela a itsieditse mo thekisong ka go lopa tlhwatlhwa e e kwa tlase ga boleng jwa tlatlana.

A re kgwetlho e nngwe ya go tlhoka go itse go bala le go kwala e ka nna ya go pala ga puisanyo magareng ga bajanala le beng-gae.

Rre Mphusu a re batho ba tshwanetse go tsenelela mananeo a puso jaaka la thuto.

O kopile baithuti ba ga-e-golelwe go tswelela ba tlhabolola thuto ya bone ka ditsela tse dingwe.

A re thuto e botlhokwa mo mothong ka e mo lemotsha ka tsotlhe tse di mo amang jaaka kgokgontsho, ditshwanelo, lefoko la Modimo le tse dingwe.

Fa a ama setlhogo sa letsatsi, Rre Mphusu o ne a re ke boammaaruri gore batlhatlhelela dithuto ga ba a tshwanela go tlogelwa kwa morago mo tlhabololong ya thuto jaaka le Tebelopele ya 2036 e rotloetsa tiriso ya maranyane mo thutng gore ope a seka a salela morago.

Mogolwane wa thuto ya bagolo, Mme Kgomotso Malori a re lenaneo la Out of School Education and Training (OSET) ke la bana ba dingwaga tse tlhano go ya kwa go tse di lesome le borobabongwe ba ba tshwanetseng ba ka bo ba le mo sekoleng mme mabaka a tshwana le go nna kgakala le dikole, a dira gore ba siiiwe ke dingwaga tsa sekole.

Mme Malori a re fa gongwe bana bao ba kgorelediwa ke ngwao kana tumelo go kopana le ba bangwe kwa dikoleng kana gongwe ngwana a dule mo sekoleng ka mabaka a bolwetse jalojalo.

A re ka Out of School Education and Training, bana ba thusiwa gore ba sugwe ba bo ba wele mo seelong se ba ka bong ba le mo go sone kwa sekoleng.

Mme Malori a re dithuto tsa Out of School Education and Training di tsena dioura tse nne ka Mosupologo go ema ka Labone.

A re kwa Chobe kgwetlho ya bana ba ba tlhokang lenaneo la OSET ga e tshwenye fa e se kwa Pandamatenga fela kwa mo gongwe batsadi ba tsamayang le bana go ya go nna kwa dipolasing.

A re lenaneo le lengwe ke la thuto ya bagolo le le akaretsang bagolo le banana le sa tlhaole ka dingwaga motho a laolwa fela ke gore o santse a tsogile e bile a bona sentle.

A re ka lenaneo le, bagolo ba ba iseng ba ke ba nne le sebaka sa go kwala ditlhatlhobo tsa lekwalo la bosupa (PSLE) ba kgona go felela ba di kwadile, a supa fa lenaneo le efa moithuti sebaka sa go itlhophela gore o batla go ithuta Dipalo, Sekgoa, Setswana kana General Studies le gone tota go bala Baebele.

A re bagolo ba ba kwadileng PSLE ka lenaneo le, ba kgona go fetela kwa Botswana Open University, go tsweledisa dithuto.

Motshwarelela mooakamela thuto kwa Chobe, Rre Otlaadisa Dintweng a re ke maikaelelo a lephata la thuto go isa dikitso ka go farologana kwa Batswaneng botlhe gore ba fetole matshelo a bone.

A re dithuto tsotlhe di baakakanyetsa baithuti go itirela matshelo a sennela ruri.

Rre Dintweng a re letsatsi la go ithuta go bala le go kwala le fa baithuti sebaka sa go supa bokgeleke mo go tsa tiro ya diatla.

O kopile ba tiro ya diatla go itshwaraganaya le diofisi tse dingwe jaaka tsa dikoporasi, temo-thuo le boipelego go kopa dithuso tse di ka ba tsenyang mo mmarakeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keamogetse Letsholo

Location : KASANE

Event : Phuthego

Date : 11 Aug 2022