Breaking News

Ba Kalamare ba lela ka letlhoko la ditsela

11 Aug 2022

Banni ba Kalamare ga ba itumelele seemo sa ditsela tse di fa gare ga motse le tlhaelo ya ditlhabololo.

Mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke modulasetilo wa khansele-potlana ya Mahalapye, Rre Bantlhasetse Merementsi kwa Kalamare ka Labobedi, banni ba supile fa ditsela di nna maswe segolo thata ka nako ya dipula ka bontsi jwa tsone di tsaya lebaka di sa gopiwe.

Ba boletse fa bogogi jwa motse bo nna ka tsholofelo gore ditsela di tlaa baakanngwa go bo go baakanngwa le metshelakgabo gore metsi a laolesege, nako kgolo ke eno.

Ba re ditiro tsa bone di a ema ka nako ya pula e na ka gore metsi a tlala gongwe le gongwe mo le bana ba sekole ba palelwang ke go ya sekoleng.

Banni ba kopile gore seemo se, se potlakelwe se ise se kekele.

Ba ne gape ba ngongorega ka dikonteraka tse di dirang ditiro mo motseng, ba re ga di dire tiro ka nako e bile ga di duele babereki mme selo se se dira gore motse o salele kwa morago ka ditlhabololo.

Banni ba ne ba supa fa ba tswenngwa ke go epiwa ga motlhaba mo motseng, ba re dikonteraka di ba tlogela ka mekoti e e emang metsi fa pula e na mme go ba paledisa go kgabaganyetsa kwa masimo, ka jalo ba kopile gore mekoti eo e katelwe.

Mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Molatedi Gontlafetse a re ga ba rerisiwe ditogamaano tsa ditlhabololo tsa motse, mo go dirang gore ba seka ba tlhaloganya gore mabaka ke eng di diega le gore go tlaa tlhabololwa eng leng.

Fa a araba, Rre Merementsi o supile fa tiro ya khansele e le go isa ditlamelo kwa setshabeng, ba na le boemedi jwa dikgosi, makhanselara le dikomiti.

A re dikomiti di tlhokomela gore tsamaiso e a dirwa.

Rre Merementsi o tlhalositse fa khansele e filwe boikarabelo jwa go tlhokomela thuto e potlana le dikago tsa yone, gore di nne mo seemomg, go re a dijo di teng le tsotlhe tse bana ba di tlhokang.

A re gape ba tlhokometse ditsela mo metseng, letlhoko la batho le go tsibogelwa ga lone.

O boletse fa a tlhaloganya  seemo sa metsi a a sa laolesegeng mo motseng, selo se a reng se  koafatsang ditsela.

A re khansele e leka ka bojotlhe go kopa madi a a ka baakanyang seemo se, mme madi ga a lekane letlhoko le le teng ka lebaka la gore khansele e okametse metse e metsi.

A re le fa go ntse jalo, dikgaolwana tse di neelwa madi ka go lekana, selo se se dirang gore diemo di seka tsa potlakelwa ka lebaka la thaelo ya madi.

Rre Merementsi o solofeditse banni gore ditsela di tlaa gopiwa go bo go tshelwa lokgarapana ba santse ba emetse madi go ka tlhabolola ditsela tse di fa gare ga motse.

O supile fa didirisiwa tsa khansele di sa itekanela mme seemo se tlaa baakanngwa.

A re go tlhabolola ditsela tse di fa gare ga motse, go baakanya dikholobete le mesele e e fetisang metsi go ka lopa madi a a fetang P19 million mme go santse go kopilwe madi.

O kopile gore madi a ditlhabolo tsa motse a kgaolo ya Shoshong bontsi jwa one a lebagane le ditsela fela kwa Kalamare.

Rre Merementsi o solofeditse morafe gore madi mangwe a ba a kopileng, a ya go reka dikoloi tsa kokelo le didirisiwa tsa sekole, ditilo le ditafole gore bana ba nne fa go siameng teng.

A re tsotlhe tse a di solofeditseng morafe di tlaa dirwa, mme fa go sa kgonegang teng o tlaa busa phetolo gore go tshwere eng e bile o tlaa rurifatsa gore tiro yotlhe e dirwa mo nakong e e beilweng.

Mothusa tona ya Thuto le Tlhabololo Dikitso e bile e le mopalamente wa Shoshong, Rre Aubrey Lesaso a re maiteko otlhe a dirilwe gore kgaolo e thusiwe ka ditlhabololo.

Rre Lesaso a re ba na le dikakanyo tsa go tlhabolola mme ba leka bojotlhe gore maiteko a diragala mo metseng yotlhe ya kgaolo ya gagwe.

O boletse fa go ne ga dumalanwa go rekela dikole motshine o o dirang meriti ya dipampiri gore barutabanna ba seka ba sokola ga bo ga rekwa ditilo le ditafole gore bana ba nne sentle.

A re gape go dumalanwe gore go okediwe ntlo ya bookelo ka go aga fa go tlaa bong go belegelwa teng le fa go tlhatlhobelwang teng e le maiteko a go atumetsa ditlamelo kwa bathong.

Rre Lesaso a re o na le tsholofelo ya gore matlo a bana ba ba nnang mo sekoleng a tlaa fela go agwa mo nakong e khutshwane ka maikaelelo ke go baya thuto le botsogo kwa pele.

“Bana ba motse ba hirwa e le bone beng ba dikontera e le maiteko a puso go leka go tlhama ditiro ka dikhamphane tsa mo gae.

Ka maswabi, ga ba dire ditumalano mo tiro e felelang e tsaya lebaka go fela go bo go dira gore khansele e tseye lebaka go ba duela.

Tiragalo e e felela e dira gore le babereki ba dikonteraka tseo ba seka ba duelwa sentle,” Rre Lesaso a tlhalosa.

Mogolwane wa ditsela go tswa kwa khanseleng ya Mahalapye, Rre Phepafalo Seobakeng o ne a solofetsa fa ba tlaa leka go baakanya seemo sa ditsela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaone Fati

Location : KALAMARE

Event : Phuthego

Date : 11 Aug 2022