Mapodisi a Shakawe a tlhotlhomisa leso la ngwana
10 Aug 2022
Mapodisi a Shakawe a tlhotlhomisa tiragalo e ngwana wa dingwaga tse di kwa tlase ga bobedi a tlhokafatseng morago ga gore ntlo e ene le bana ba bangwe ba neng ba le mo go yone e lore kwa Xakao ka Tshipi.
Mo potsolosong, Assistant Superintendent Abel Matlhape wa sepodisi sa Shakawe, o tlhalositse fa bana ba ne ba setse ba le nosi mo lwapeng fa ntlo e nngwe e kapa molelo mme wa jwelelela kwa ntlong ya bobedi.
O tlhalositse fa bana bao ba ne ba le bararo, mme yo mogolwane a le dingwaga dile lesome le bobedi.
A re go bolelwa fa batsadi ba bana bao ba ne ba ile go epa mmu.
A re mapodisi a ne a amogela pego mo mosong wa Tshipi ka nako ya lesome mme ba ragogela kwa lefelong la tiragalo kwa ba fitlhetseng matlo a le mabedi a a tuka.
Assistant Superintendent Matlhape a re e ne ya re morago fa go kanokiwa gore go shele gole kae ga lemogwa fa ngwana mongwe wa lesea wa mosetsana a sa bonale, mme setopo sa ngwana yoo sa bonwa morago ga go tingwa ga molelo.
O supile fa ditiragalo tsa go sha ga matlo di diragala gantsi mo kgaolong ya bone ya sepodisi le ntswa a ne a re ke lantlha go nna le tathegelo ya botshelo.
O ne a gakokola batsadi go ela tlhoko fa ba ba tlogela bana mo malwapeng go tlhomamisa gore ga go na sepe se se ka salang se baka kotsi. Ends
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : GUMARE
Event : Interview
Date : 10 Aug 2022