Tona o rotloetsa gore go nne le mokwalo wa neelano-bogosi
10 Aug 2022
Dikgosi tsa kgaolo ya Kgalagadi Bokone di gakolotswe go nna le mekwalo e e rurifaditsweng ka fa molaong, go supa ba ba eletsang ba ba tlhatlhama mo sehularong sa bone go itsa dikgotlhang.
Kgaokololo e, e dule ka tona wa lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse mo phuthegong e a neng a e tshwere le dikgosi tsa Kgalagadi Bokone kwa Hukunsti ka Mosupologo.
Tona Autlwetse o supile fa lephata le mekamekane le dikgang tsa go lwela bogosi mo dingwe tsa tsone di felelang di sekwa kwa makgotleng a ditsheko, selo se a reng ke matlhabisa ditlhong. A re ka tshwanelo, dikgang tsa bogosi di buelwa mo ntlong ya ba bogosi mme go se thona go kopa bogakolodi mo bagolong ba morafe, go itsa go anega dipharologano tsa bone setshabeng.
A re dikgang tsa bogosi di tshwanetse go tshwarwa ka manontlhotlho, go dibela seriti sa jone mme go ka dirwa jalo fela fa go ka simololola ka go tlhaloganya ka fa letsalo la bogosi le tlhatlologanang ka teng.
Rre Autlwetse o iteetse magosi a Kgalagadi legofi, gore ga ise ba gatise dikgang tsa go lwela bogosi, mme a ba kopa go tswelela ba tshwere jalo, go nna sekao mo merafeng e mengwe. O ba gakolotse go iphapha mo go tseneleleng merero ya sepolotiki, a re seo, se ka ba sitisa tsamaiso ka jaana ba ka felela ba tsaya matlhakore mo ditshwetsong seo, se felele se kgaoganya morafe.
A re ka tshwanelo, kgosi ke mogakolodi wa puso e seng moganetsi ka jalo, a gakolola gore ope yo o nang le keletso ya go tsenelela merero ya sepolotiki, a ikapole kobo ya bogosi.
Rre Autlwetse o ne gape a lekodisa dikgosi ka seemo sa go tlhoka go tseisana molelo ga ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi le tautona wa pele, Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama.
A re Dr Masisi o dirile gotlhe go leka gore ba agisanngwe ka jaana go ne ga tlhonngwa lekoko la bagolo go ba letlanya mme maiteko a retela.
A re fa go ka ititewa nkidiane ka seemo seo, setshaba se ka tloga se lelela kgama le mogogoro ka jaana se na le kgonagalo ya go phutlhamisa itsholelo gammogo le kagiso le thokgamo tse lefatshe leno le tumileng ka tsone.
Rre Autlwetse a re ba bo ne go le maleba go ralala lefatshe, go kopa magosi thuso go rarabolola kubetsano e.
Kgosi Bojosi Motshoge III wa Tshane o supile fa kgang e, e ba sita ka jaana ba sa itse tshireletsego ya bone ka molao o sa ba letle go tlhagelela mo dikgannyeng tse di amanang le sepolotiki.
Kgosi Basadi Seipone wa Kang le ene o ne a supa fa kgang e e farafarilwe ke sepolotiki mme bone matsogo a bone a bofeletswe ka fa morago, ba sena mafoko ape a mantsi. A re se se salang ke go gwetlha setshaba go tshwara merapelo go ralala lefatshe, go rapelela bokhutlo jwa kubetsano.
Rre Autlwetse o ne a lebogela dikakgelo a bo a supa fa ba santse ba na le tshono ya go ka kwalela kwa lephateng fa ba na le megopolo mengwe e ba akanyang e ka thusa kgang ya bo tautona. Ends
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : HUKUNTSI
Event : Kgotla meeting
Date : 10 Aug 2022