Banni ba batla kgaolo e nngwe ya botlhophi
10 Aug 2022
Banni ba metse ya Sebina, Marobela, Nshakashogwe, Marapong, Semitwe le Matsitama kwa kgaolong-potlana ya Tutume ba re ba eletsa gore kgaolo-potlana ya bone e ka nne le dikgaolo di le nne tsa bopalamente go oketsa tse tharo tsa Nkange, Nata/Gweta le Shashe Bophirima.
Ba buile se, fa ba ne ba rolela lekoko le le rumilweng go tsaya megopolo mo setshabeng mabapi le tshekatsheko ya go kgaoganngwa ga melelwane ya dikgaolo tsa botlhophi tsa bopalamente kwa Sebina le Marapong ka Labobedi.
Ba re go dira kgaolo e nngwe ya bopalamente go ka thusa gore metse e nne gaufi le ditlamelo ebile go ka fokoletsa mopalamente mesepele ka nako tsa diphuthego tsa gagwe.
Ba re ba eletsa kgaolo eo e ka bidiwa Bukalanga Borwa kgotsa Sebina/ Matsitama, mme e akaretsa metse ya Mathangwane, MafungoHubona, Mrobela, Sebina, Marapong, Nshakazhogwe, Semitwe, Matsitama, Makuta, Nswazwi, Mosetse, Kutamogoree, Lepashe le Dukwi.
Ba re se sengwe se sa ba jeseng diwelang ke gore, metse mengwe mo kgaolong ya Shashe Bophirima e gaufi le toropo ya Francistown, ka jalo fa go tla mo ditlhabololong go akanyediwa toropo pele mme seo se beye metse ya bone kwa fa mosing.
Mongwe wa ba tsenelela diphuthego tseo, go tswa Marobela Rre Enock Debula, o ne a tlhalosa fa kgaolo eo e ba eletsang e ka tlhongwa, e na le dilo tse di ba kopanyang e le merafe ya metse eo di akaretsa mekgwa, puo le ngwao.
Fela jaaka Rre Debula, Rre Manyiwa Manyiwa yo o neng a emetse Botswana Democratic Party, a re go tlhomiwa ga kgaolo e nngwe go ka sologela banni ba metse eo mosola, ka metse mengwe e e mo kgaolong eo ya Shashe Bophirima ba tsaya ditlamelo kwa Tonota le Tutume, golo mo go ba kokonelang.
Rre Manyiwa a re fa go ka tlhomiwa kgaolo e ntsha jaaka ba eleditse, metse eo e tla lomagana sentle ebile e le gaufi le kwa e tlaa bong e tsaya ditlamelo teng kwa Tutume.
Le fa gontse jalo bangwe ba baemedi ba metse mengwe bone ba ne ba supa fa ba le kgatlhanong le mogopolo oo.
Rre Gwabuya Phuloweni a re bone ba e le ba motse wa Nshakazhogwe ga ba bone go tlhokega go ka tlhongwa kgaolo e nngwe,a re kgang e e ba tshwenyang ke ya go sa lomaganeng sentle ga dipalo tsa batho.
A re batho bangwe ba baletswe kwa dikgaolong tse eseng tsa bone bogolo jang ba ba nnang kwa masimong le kwa merakeng, a re seo se fokoditse dipalo tsa kgaolo ya bone.
Rre Nchi Mokwafe wa Matsitama ene a re ga a dumalane le mogopolo o bontsi bo dumalanang ka one wa gore Matsitama e nne mengwe ya metse e e bopang kgaolo e ntsha.
Rre Mokwafe a re bone ba ne ba eleditse gore motse wa bone o isiwe kwa kgaolong ya Tonota ba lebeletse gore tsela e e ba lomaganyang le kgaolo eo ya tsamaega go na le ya Tutume e e lekgarapana e bile e le kgakala.
Leloko la lekoko leo, Rre Maotoanong Sebina a re lekoko leo le romilwe go tsaya megopolo mo bathong ya go sekaseka melelwane. Ends
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : MARAPONG
Event : Kgotla meeting
Date : 10 Aug 2022