Magosi a Kgalagadi a lopa thitibalo
10 Aug 2022
- Magosi a Kgalagadi Borwa a lopile gore ntwa e e larileng magareng ga ga tautona wa pele Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama le Tautona Dr Mokgweetsi Masisi e bepe go somarela kagiso e e renang mo lefatsheng leno.
Ba buile jalo jaaka tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae Rre Kgotla Autlwetse a ne a lekodisa marara a kgaolo ka Mosupologo.
O ba tlholoseditse gore kubetsano eo e simologile ka 2019 fa go iwa ditlhophong tautona wa pele a sena go rolela Dr Masisi marapo.
A re le fa go se molato gore tautona wa pele a bo a tsene mo kganetsong ka e le tshwanelo ya gagwe jaaka Motswana, e ne ya re morago ga ditlhopho ga lemosega fa ntwa e kekela.
Rre Autlwetse a re Dr Masisi o ne a tsaya dikgato tse di maleba ka a ne a lemoga gore seemo se gomagometsa go tsala dintwa tsa semorafe mme ga kopiwa botsadi bongwe go tshereganya.
Rre Autlwetse a re Dr Masisi o ne a kopa tautona wa pele, Dr Festus Mogae le matona a pele borre David Magang, Patrick Balopi le Ray Molomo go ba letlanya mme ba retelelelwa ka Lt Gen. Dr Ian Khama a ne a sa dumalane le bone.
Rre Autlwetse a re mabaka a a tsositseng tlhoka-kutlwisisanyo ke gore tautona wa pele o ne a kopile Dr Masisi gore a tlhome monnawe, Rre Tshekedi Khama go nna mothusa tautona mme a seka a diragatsa kopo eo.
Ga twe gang e baletlanyi ba neng ba e mmaya pele e ne ya nna gore tautona ga a tlhophelwe mothusi.
O tlhalosa gore Rre Mogae o ne a itlhophela Dr Khama ka go mo tsaya kwa sesoleng go nna mothusi wa gagwe e le se se neng se sa tlwaelesega ka a ne a se mo polotiking mme e re ka molao motheo o ne supa gore mothusa tautona e tshwanetse ya nna mopalamente yo o nang le kgaolo, go ne ga kopiwa mopalamente gore a sutele Dr Khama a emele ditlhopho tsa peo letlhokwa tsa phathi kwa Serowe a sena moganetsi.
A re e nngwe e e ba kgaogantseng ke tsholofelo ya gore a dirwe moeteledipele wa masole, mapodisi le makgotla otlhe a tsa itshireletso mme seo se bo se raya gore tautona ene ga a nne le marapo a a kalo.
E nngwe e e tsositseng kgaruuru ke goreRre Khama o ne a batla go nna le baapei ba le bararo mme a tshwanetse a nna mongwefela.
Kgang e nngwe ya moruthutha ke gore tautona wa pele o kopile go okelediwa batlhokomedi go nna lesome le botlhano mme e bile mongwe le mongwe wa bone a nne le tlhobolo ba seka ba fapaanela tlhobolo ka gore fa ba golola ba neela ba ba theogelang ditlhobolo ka go fapaana.
Tautona wa pele o kopile gape gore a tswelele ka go rekelwa dijo ke puso, le ntswa ka tsamaiso botautona ba pele ba sa rekelwe dijo, a ntsha mabaka a gore gape ke ramasole wa pele mme baletlanyi ba supa fa seo se se ka fa molaong.
Tona Autlwetse a re tetlanyo eo e tsere dingwaga mme ga go a tswa tema, ka Rre Khama o ne a gana mabaka a a neng a a bewa pele ke baletlanyi a supa fa ba tsaya letlhakore, ka jalo a kopa gore le ene a letlelelwe go itlhophela baletlanyi.
Go tlhalosega fa Dr Khama a ne a itlhophela batho ba le bararo; tona wa pele Rre Charles Tibone, Rre Satar Dada, moemedi wa pele wa mafatshe a sele Rre Legwaila Legwaila mme le bone a bona e kare ba gogela kobo ntlha nngwe mme ya re morago ga tsisiwa mookamedi wa lephata la itshireletso, Rre Peter Magosi le mokwaledi mogolo wa pele wa lephata la ga Tautona Rre Elias Magosi.
Ya re go retela, borangwanaa kgosi go tswa Ga Mmangwato ba kwalela Tautona, ba kopa go itse gore kgosi wa bone o tshwenyediwa eng.
Rre Autlwetse a re e le tona yo o maleba a ya go kopana le batsadi ba a fitlhetseng ba tletse tshakgalo ba sa batle go kopana le ene mme ya re morago ba epa pitso kwa kgotleng ya Serowe ba supa fa ba sa itumela.
E re ka kubetsano eo e tsweletse, Tona Autlwetse a re jaanong o tsile go kopa megopolo mo marareng a Kgalagadi, a supa gore o tswa kgakala a buisa marara go simologa kwa Serowe go dikologa lefatshe lotlhe go senka gore go ka dirwa eng go fedisa ntwa e.
E rile a akgela, Kgosi David Toto II wa Tsabong a re bogosi ke pinagare ya puso ya batho ka batho mme e bile bo rotloetsa kagiso le thitibalo.
A re dikgosi ke babopi le balomaganyi ba setshaba, ka jalo go botlhokwa gore marara a nne le seabe mo go rarabololeng kgang e ka e le bone batlhokomedi ba setshaba.
O gakolotse ba ba lwang gore ba itshware sentle gore setshaba se tswelele ka go ba tlotla. Kgosi Matshidiso Babeile wa Kisa o gateletse gore go somarela kagiso le thitibalo go tshwanetse ga tlhongwa kwa pele, ka jalo a kopa gore fa go na le diphoso dingwe fa gare ga bone ba itshwaralane gore go nne le kagiso.
Kgosana Paul Bock wa Vaalhoek o ne a re go botlhokwa go kwala melao e e papametseng ka ditshwanelo tsa botautona go itsa gore go dirisiwe maikutlo.
Kgosi Piet Kaartze ene o gakolotse gore maloko a Ntlo ya Dikgosi a lalediwe semmuso go tshereganya mo kgannyeng eo.
Kgosana wa Kolonkwaneng Mme Kgalalelo Matshogo ene o kopile gore tsamaiso e e dirilweng ke Dr Festus Mogae ya go tsaya motho e se lepolotiki a mo tlhoma mo maemong a ise a butswe e seka ya tlhola e boelela ka e bakile mathata.
A re maemo a mothusatautona a direletswe motho yo o setseng a agegile mo sepolotiking gore a nne moeteledipele yo o nonofileng ka a setse a kile a ralala sepolotiki a iteisanya borathana le ba bangwe.
Kgosana Kgosietsile Chimbombi wa Makopong a re puso a tsere dikgato tsotlhe tse di maleba mme go botlhokwa go boloka kagiso le ledula le le ntseng le rena mo lefatsheng leno.
A kopa gore kgang eo e ne modiga.
O supa gore maragana teng a bana ba mpa ga a tsenwe. Mme e re ka tautona wa pele a ile lejwa, go botlhokwa gore a solofediwe gore fa a boela gae ga a na go tshwarwa ka ga go itsewe gore fa a le koo o senya lefatshe leina go le kae.
A re seo se tlaa somarela kagiso.
Kgosi Philip Lorekang wa Maubelo ene o kopile gore ka go lekilwe maano otlhe a go ba letlanya mme maiteko a iteile sefololetse, a kgang e isiwe kwa kgotleng kgolong ya ditsheko e rarabololwe semolao. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : TSABONG
Event : Tekodiso
Date : 10 Aug 2022