Baikopedi ba tlaa bewa ditsha
10 Aug 2022
Banni ba dikgotlana tsa Matlagatsi le Meratswane mo Kweneng ba tlhomamiseditswe fa lekgotlana la kabo ditsha la Letlhakeng le tlaa ba baya ditsha le go ba fa ditlankana.
Se se tlhomamisitswe ke modulasetilo wa khansele ya Kweneng, Rre Motlhophi Leo ka Mosupologo.
Rre Leo o tlhalositse go re le ntswa go tsere lebaka gore banni ba fiwe ditlankana le go abelwa ditsha, puso e tlaa tlhomamisa gore tiro eo e dirwa ka botlalo, a supa fa Matlagatsi a tlaa godisediwa kwa Mantshwabisi, fa Maratswane a tlaa godisediwa kwa Malwelwe.
O supile fa metse ya Mantshwabisi le Malwelwe e tlaa godisediwa kwa dikgotlaneng tseo gore e felele e kopana ka bofefo.
Rre Leo o supile fa se se tlaa dira gore banni ba dikgotlana tseo ba nne ba phuthologile ka ba tlaa seke ba thubelwe jaaka go tle go diragale ka batho ba ba ipeileng.
O supile fa ba ba dirang mealo kwa khanseleng ba tlaa buisanya le banni a bo a kopa banni go tlhomamisa gore ba dirisana sentle le bone gore tiro eo e nne motlhofo.
Fa ba tswa la bone, banni ba Matlagatsi ba ne ba supa fa kgang e e tsere lebaka go diragadiwa, ba bo ba supa fa bangwe ba setse ba phuntse didiba kwa ba golelang teng.
Ba supile gape fa seemo se se tsile go lopa puso madimadi fa se sa tsibogelwe ka bonako. Ba tlhalositse gape fa ba itumelela tlhaloso. Kgosi Dikaelo Tsiang wa Mantshwabisi o ne a supa fa Botswana a agilwe ka morero, mme fa ba dumalana gore Matlagatsi a golele kwa Mantshwabisi, tiro eo e ya go nna motlhofo.
Kwa kgotlaneng ya Maratswane gone, banni ba ne ba tlhalosa fa ba le ’bete se molangwana ka ba lekgotlana la kabo ditsha la Letlhakeng, ba supa fa ba ne ba tla go ba fa dinomore tsa ditsha, ba tlogela ditsha tse di ageletsweng mme di sa tlhabololwa. Banni ba ne ba tlhalosa gape fa ba na le maina a batho ba ba neng ba ipeile mme ba ise ba tlhabolole, go itsa gore bangwe ba tswelele ka go ipaya.
Ba supile gape fa go nnela ruri mo malwapeng a batsadi go ba kokonela, ka go felela go baka dintwa mo gare ga bone.
Ba ne ba kopa Rre Leo go tlhomamisa gore tiro e a diragadiwa, ba supa fa ba mo tshepa ka go tsibogela dilelo tsa bone.
Fa a tswa la gagwe, Rre Leo o ne a tlhalosa fa e le boammaaruri tiro e tsere lebaka go dirwa, ka e tswa kwa go 2013, a bo a supa fa sengwe se se diileng tiro eo e ne e le go tswa ka melawana e e tlaa dirang gore tiro e fefoge. Rre Leo o ne a supa fa a itumelela boikarabelo jwa banni ba Maratswane, ba ba tlhomamisitseng gore batho ga ba tswelele ka go ipaya ditsha.
Mo go la gagwe, modulasetilo wa khansele-potlana ya Letlhakeng, Rre Meshack Tshenyego, o ne a lebogela gore jaanong batho ba dikgotlana tseo ba tlaa bewa.
Dikgotlana di le lesome le bone mo kgaolong ya Kweneng di tlaa godisediwa kwa metseng e di gaufi le yone.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego
Date : 10 Aug 2022