Breaking News

Boora Otsile ba thologwa mokgosi

09 Aug 2022

Morago ga dingwaga a sokola ka botsogo jwa ngwana, Mme  Gakgamalang  Otsile wa kgotla ya Thitoyamokodi mo Maun janaong o tlaa ora moleo wa mariga ka jaana a bone Mosamarea yo o molemo go mo thusa seemo se.

Prophet Thato Elias le mosadi wa gagwe Mme Resego Elias ba ithaopele go tsaya boikarabelo jwa go go tlamela ngwana ka tsotlhe tse a di tlhokang.

Boora Elias ba itlamile go neela ngwana yoo yo o dingwaga di ferang bongwe bongaka jwa maemo a a kwa godimo le gone go mo neela tlhokomela yotlhe fela jaaka ngwana wa bone.

Mo potsolotsong, Mme Otsile a re gore boora Elias ba bo ba ithaopetse go mo thusa Godwin Otsile ke ka mautlwelobotlhoko a Modimo.

A re ngwana yoo o tsotswe fela ka go tshwenyega ka jaana ba bongaka ba ne ba bolela fa a na le leroba mo pelong mme o ntse a tshela ka go bona bongaka kgapetsakgapetsa.

“Ke ntse ke tshela bokete ka jaana ke tsamaile dikokelo ka go faralogana ke batla thuso.

Gompieno pelo ya me e tletse boitumela ka jaana ngwanake a tla tlamelwa gaufi,” a kaya jalo.

Mme Otsile a re seemo se nnile botoka ka 2019 morago ga go dirwa loaro kwa Afrika Borwa ka kemo nokeng ya puso.

O lebogetse lelwapa leo go bo le supile lerato a re tuelo ya bone ke e kgolo kwa legodimong.

Prophet Elias o tlhalositse fa e le ka mohau wa Modimo fela gore a bo a bone go tshwanela go ithaopela ngwana yoo ka jaana a tlhaloganya tshokolo ya gagwe.

A re seemo se ngwana a leng mo go sone le ene o fetile ka sone mo kgolong ya gagwe ka jaana a ne a tshelela mo bongakeng, ke ka moo a ka sekeng a tlogele ngwana a sokola.

O boletse fa maikaelelo a gagwe le Mma Elias e le go neela ngwana tlhokomelo yotlhe e ngwana a ka e fiwang mo lwapeng.

Prophet Elias a re ba tlaa netefatsa gore o bona bongaka jwa maemo a a kwa godimo, dijo, diaparo, thuto le sepe fela se a se tlhokang go fitlhelela ene a tsaya tshwetso gore a o boela kwa ga bone.

Mookamedi wa kereke ya Ninifa Apostolic Daily Mission, Archbishop Gaboitsiwe Mathemba o ne a galaletsa mowa o montle o o supilweng ke ba lelwapa loora Elias a re ga se mang le mang yo o ka dirang jaaka bone.

O rurifaditse fa Mma Otsile le ngwana ba kereka mmogo mme a supa fa a ntse a sa jesiwe diwelang ke botsogo jwa ngwana yoo.

A re seemo sa botsogo jwa ngwana se ne se sa robatse mmaagwe ka jaana a ne a tle a tlelwe ke boitlhobogo mme ka thato ya Modimo seemo sa tokafala morago ga loaro.

O boletse fa ba ne ba kgothatsega ka jaana ngwna a rata kereke e bile a kgona go tla fela le fa mmaagwe a seyo.

Archbishop Mathemba a re o dumela fa ngwana yoo jaanong a tlaa bona pholo ka jaana a tlaa bona bongaka gaufi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 09 Aug 2022