Breaking News

Ba Tatamoga ba tlhopha kgosana

09 Aug 2022

Batho ba Tatamoga mo kgaolong ya Bokone Bophirima ba tlhophile Rre Mmoniemang Bodule go nna kgosana ya tetlanyo.

Se se tla morago ga gore go nne le phatlha ya kgosana kwa Makalamabedi ka jalo Tatamoga yo o ka fa tlase ga Makalamabedi a fiwa sebaka sa gore kgosana e  tswe mo motsaneng wa bone.

E ne ya re ka Mosupologo ba bogosi jwa Batawana ba roma Kgosi Oatleng Setlhodi wa Chanoga le Kgosi Keneilwe Mokgweetsi wa Makalamabedi go buisa phuthego kwa Tatamoga kwa ba neng ba kopa morafe gore o tswe ka leina la yo o tlaa kabang phatlha ya kgosana ya tetlanyo.

Morafe wa Tatamoga o ne wa tlhalosa fa Rre Bodule a tswa kgakala a eteletse motsana wa bone pele ka go ithaopa.

Ba ne ba supa fa Rre Bodule a ntse a tshwere tiro ya botshereganyi.

Kgosi Setlhodi o ne a lebogela ba Tatamoga go bo ba tlhophile Rre Bodule go sena makgwere ape. A re go le gantsi bogosi bo tshabelelwa ke mathata, segolo bogolo fa go tla mo ditlhophong, ka jalo a re go a itumedisa go bona metse mengwe e santse e tshwaragane e bile e dumalana ka megopolo.

“Keletso ya rona ke gore re seka ra nna le bogosi jo bo nang le dikgogakgogano re eletsa bogosi bo robalelewe ke ditlhokwa ka gore go le gantsi go nna modumo fa go bewa kgosi mme se ga se itumedise.”

O ne a tlhalosa fa a tlaa isa leina kwa bogosing jwa Batawana, bone ba tlaa le fetisetsa kwa go tona wa tsa Merero ya Selegae le Tlhabololo Magae go rurifadiwa pele ga kgosana a ka tla go tlhomamisiwa semmuso mo Tatamoga.

Kgosi Mokgweetsi o ne a tlhalosetsa ba Tatamoga gore phatlha e ya kgosana ke ya bone e bile e ba tshwanetse, ka jalo a kopa gore ba seka ba kgoberwa maikutlo ke ba ba reng ke ya Makalamabedi.

O ne a tlhalosa fa Tatamoga yo o dikhilomethara tse lesome le boferabobedi go tswa kwa Makalamabedi a lemogwa ka fa molaong gore ke kgotlana ya Makalamabedi ka o ise o tlhomamisiwe go nna motse o feletseng. Kgosi Mokgweetsi a re kagiso e aga setshaba, a tlatsa ka go re fa morafe o ne o sa tshwaragana kgang ya peo ya kgosana e ne e tlaa tsaya dingwaga go rarabololwa BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Ikgopoleng

Location : TATAMOGA

Event : Phuthego

Date : 09 Aug 2022