Breaking News

Botswana Speaks selwana

09 Aug 2022

Lenaneo la ofisi ya palamente la Botswana Speaks le tlaa thusa go nonotsha puso ya batho ka batho ka go tiisa morero fa gare ga batlhophi le baemedi ba bone.

Se se builwe ke modulasetilo wa komiti ya palemente e e itebagantseng le tsa maranyane, Rre Mpho Balopi fa a lekodisa babegadikgang bosheng.

A re tiriso ya maranyane e fetogile go nna pinagare ya itsholelo ya mafatshe le tlhabololo ya matshelo, ka jalo Botswana ga a a tshwanela go nna phokoje wa morago.

A re puso e tsere tshwetso ya go fetola lefatshe leno go tswa kwa go ikaegeng ka di-tsa tlholego go nna le le ikaegileng ka kitso. Se se tla diragala ka gore, Botswana Speaks e fa badirisi ba yone go gokagana le baemedi ba bone ba dirisa maranyane, ga tlhalosa jalo Rre Balopi yo gape e leng mopalamente wa Gaborone Bokone.

A re thulaganyo e, e tlaa thusa thata go atametsa banana go tsaya karolo le go isa megopolo kwa baemeding, ga mmogo le go thusa thata badiredi ba ba ntseng ba sa kgone go tsaya karolo mo diphuthegong tsa kgotla ka ntlha ya go kgorelediwa ke mmereko.

Rre Balopi a re banana le badiredi, ba tlaa kgona go tsaya karolo mo diphuthegong ba le kwa ba leng teng, mme se se thuse go phuthwa ga megopolo go tlhabolola lefatshe leno.

Ka jalo, a re go botlhokwa gore Batswana ba ikwadise go tsaya karolo mo Botswana Speaks e e bonwang fela mo maranyaneng. O kaile fa puso e le mo motlhaleng wa go gokaganya metse e le makgolo matlhano ka maranyane, mme Botswana Speaks e tlaa belegwa ke katoloso e.

Katoloso e ya maranyane e fa sechaba sebaka sa go dirisa maranyane a wi-fi mahala mo dikgotleng, dikoleng le dikokelo, ga tlhalosa jalo Rre Balopi.

Fa a tswa la gagwe, lekoko la komiti ya palamente ya maranyane, Rre David Tshere a re ikwadiso ke nngwe ya ditsela tsa go tlhomamisa tshireletsego ya lenaneo, a bo a tlhalosa fa setshaba se ka ikwadisa kwa diofising tsa mapalemente kana sa tsena mo maranyaneng go ikwadisa.

Leloko le lengwe, Rre Oabile Regoeng o ne a tlhalosa fa Botswana Speaks e le teng mo dikgaolong tsotlhe e bile kamogelo ya yone e nametsa.

Lenaneo la Botswana Speaks le rotswe semmuso ke Mothusa Tautona, Rre Slumber Tsogwane Phukwi a ya fifing mo Gaborone, morago go fenya ditekeletso mo dingwageng tse di fetileng.

BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bonang Masolotate

Location : GABORONE

Event : Tekodiso

Date : 09 Aug 2022