Breaking News

Tlhaelo ya matlo a boroko jwa baoki e tlaa tokafala

09 Aug 2022

Puso e agile matlo a mabedi a baoki kwa Maralaleng le Draaihoek.

Se se tla morago ga gore puso e sekegele tsebe selelo sa batho ba koo sa tlhaelo ya matlo a boroko ka jaana badiri ba tswa kgakala ba tlhakanela boroko, tlhaelo e gape e nang le seabe mo tlhaelong ya bodiredi mo kgaolong. 

Mogolwane wa DHMT mo Kgalagadi Borwa, Rre Kavekotota Moreti o ne a tlhalosa fa e ne ya re ka ngwaga wa madi wa 2020/2021 ba neelwa madi a a fetang P2 million go aga matlo ao.

O ne a tlhalosa fa tlhaelo ya matlo a boroko mo kgaolong eo e na le seabe se se tona mo tlhaelong ya badiri bogolo jang ba lephata la botsogo ka jaana bangwe ba sa amogele go tla kgaolong eo fa ba hudusiwa go tla go berekela teng ka ntlha ya boroko.

Rre Moreti o ne a supa fa boradikontera ba ba neng ba thapilwe go aga matlo ao ba dirile tiro ya bone ka manontlhotlho le ntswa ba siilwe ke nako e e neng e dumalanwe ka mabaka a bokgakala jwa go tsaya didirisiwa tsa kago le tlhaelo ya badiri ba ba rutetsweng tiro.

O ne a tlatsa ka go supa fa gape ba buisantse le ba Botswana BHC go agela badiri matlo a le some ka jaana go santse go na le ba ba senang fa ba latsang tlhogo teng.

Kgosana Keelesitse Kgannyeng wa Maralaleng o ne a supa fa morafe o amogela ntlo eo ka tsoo-pedi.

Kgosana Kgannyeng o ne a kgothatsa modiri yo o tlaa nnang mo ntlung eo go e tlhokomela thata ka go e phepafatsa gore le ba ba tlaa tlang kwa morago ba fitlhele e le mo seemong se se siameng.

Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa khansele-potlana ya Tsabong Rre Ronald Baitsiwe o ne a supa fa dikago tseo di agilwe ka bonako ka jaana ba lephata la tsa kago mo Tsabong le le nang le baitseanape ba tsa kago ba ne ba etse tlhoko gore tiro eo e tsamaisiwa sentle le gone gore ditumalano tsa nako ya kago di salwa morago.

Rre Baitsiwe yo gape e leng mokhanselara wa Omaweneno/Maralaleng/Kisa o boletse fa go le gantsi ditiro tsa puso di felela di sa wediwe ka nako e e tshwanetseng ka jaana go le pele go ne go sena lephata le le tsenyang leitlho thata jaaka gompieno, a tlatsa ka go leboga khamphani e e neng e neetswe tiro ka e dirile ka botswerere. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : MARALALENG

Event : Tlhaloso

Date : 09 Aug 2022