Breaking News

A baatlhodi ba tsenngwe leitlho

09 Aug 2022

Tona wa tlhabololo banana, metshameko le ngwao Rre Tumiso Rakgare a re dikgang tse go supafalang di le teng tsa baatlhodi bangwe ba dikgaisanyo tsa bodiragatsi tsa National Arts Competitions ba go bolelwang fa ba sa tsamaise dikgaisanyo tseo sentle di tshwanetse di tsenngwe leitlho.

Rre Rakgare o buile se fa a tsibogela dikakgelo le matshwenyego a badiragatsi kwa phuthego e a neng a buisana le badiragatsi ka go farologana kwa Selebi Phikwe bosheng.

A re ga se lantlha a utlwa dikgang tsa mofuta o, mme di teng e bile di utlwala thata ka nako ya fa dikgaisanyo tseo di tsweletse.

O ne a tlhalosa fa ka nako ya dikgaisanyo tseo, mogala wa gagwe o ne o sa kgale go lela mme bangwe ba supa fa dikgaisanyo di sa tsamae sentle ntateng ya baatlhodi ba ba neng go supega ba sekametse mo letlhakoreng lengwe.

O ne a fa sekai ka tiragalo e e neng ya tsosa dikgotlhang kwa Moshupa ka dikgaisanyo tseo mo mapodisi ba feletseng ba bidiwa go laola seemo.

A re bangwe ba ne ba supa fa baatlhodi ba ne ba sekegetse mo ditlhopheng dingwe mme bangwe ba felela ba ngongorega.

Ka jalo a re ditiragalo tse di ntseng jalo di tshwanetse di baakanngwe mme go rurifadiwe fa baatlhodi ba atlhola sentle ka boammaaruri gore dikgaisanyo tseo di nne le boleng.

Rre Rakgare a re,  go tshwanetse go atlholwe ka boammaaruri mme go sena dikgang tsa gore ke rata semangmang ga ke rate semangmang.

O ne a re go supafetse gape fa go atlhola bangwe ba ba santseng ba tsaya karolo mo dikgaisanyong tse mme go sa tshwanela gore go nne jalo.   

E ne e rile go le pele bangwe ba badiragatsi kwa phuthegong, ba supa matshwenyego ka ditsamaiso dingwe tse di dirwang ke baatlhodi tse ba di itemogetseng ka dinako tsa dikgaisanyo.

Ba re ka nako ya dikgaisanyo tsa National Arts Competitions tse di sa tswang go feta, baatlhodi bangwe ba ne ba sa atlhole sentle mme go supafala fa ba ne ba dirisa maikutlo a bone go atlhola mme se se sa siama ka se isa maikaelelo le boleng ba dikgaisanyo tse kwa tlase.

Mo go tse dingwe Rre Rakgare o ne a rotloetsa badiragatsi go nna  seopo  sengwe, a tlatsa ka gore fa ba tshwaragane ba ka ntsha megopolo e e ka ba isang golo gongwe ele badiragatsi.

Mogokaganyi wa ditirelo kwa lephateng la tlhabololo banana, metshameko le ngwao Rre Caiphus Kopelang o ne a supa fa maikaelelo a bokopano joo e ne e le go fa badiragatsi monyetla wa go buisana le Tona Rakgare le gore a utlwe matshwenyego le megopolo ya bone.

O ne a supa fa Rre Rakgare a tsamaile lefatshe lotlhe a buisanya le badiragatsi go arogana le ene manokonoko a botshelo a ba kopanang le one.

A re badiragatsi ba Selibe-Phikwe ba ne ba welwa ke seru sa go tswalwa ga moepo wa BCL, ka bontsi jwa bone ba ne ba kgona go bona ditiro tsa bodiragatsi ka batho ba ne ba le bantsi.

A re badiragatsi bao ba ne ba welwa gape ke seru sa Covid-19 mme ba itshoka fela ba na le tsholofelo ya gore dilo di tla a boela meriting mme ga ba a ka ba dira sepe se se duleng mo tseleng.

O tlhalositse gore  lephata la gagwe le ne la seka la lebala badiragatsi mme ba ba thusa ka letseno.

Rre Kopelang a re ba tsweletse ka go ema badiragatsi nokeng mme ka dinako tse go nang le tiro nngwe e e tlhokang badiragatsi ba a ba bitsa mme ba ba atswe ka sengwe.

O ne a supa fa ba rotloetsa badiragatsi go tsenelela dikgaisanyo tse di sa tswang go feta tsa National Arts Competitions gore ba itirele letseno.

Ka jalo a re ba itumelela tirisanyo mmogo ya bone le bogogi jwa toropo ya Selibe- Phikwe bogolo jang ratoropo, makhanselara le bodiredi jotlhe jwa puso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : SELIBE-PHIKWE

Event : Phuthego

Date : 09 Aug 2022