Kereke e gwetlhiwa go kwala le go gatisa ditso
08 Aug 2022
Tona wa lephata la dipalamo le ditiro tsa ditlhabolo, Rre Eric Molale, o gwetlhile kereke ya United Congregational Church of Southern Africa(UCCSA) go kwala le go gatisa ditso tsa bone, go ka bolokelwa dikokomana tsa bone.
O buile seo, morago ga mogwanto wa dikhilomethara tse di ka tshwarang lesome o o neng o rulagantswe ke ba kereke ya UCCSA-Hukuntsi ka Matlhatso go ipelela matlotlo a bone.
Rre Molale o ne a akgolela kereke go ipelela matlotlo a bone le mororo a re go thona go bo ba sena ditso tse di kwadileng segolo bogolo mo kgaolong ya Kgalagadi ka jaana e ne e le nngwe ya boremelelo jwa baruti ba pele ba Lontone.
A re go tswa go lowe, kereke ya UCCSA, e ne e tumile ka leina la Lontone, e humile ditso tse di dintsi ka jalo, ga di a tshwanelwa go tlogelwa di nyelela.
O supile fa baitsenape bangwe ba tshwana le Sir Charles Rey, ba gatisitse dikwalo ka kereke ya Lontone mme a re ga go a lekana ka jaana a re keletso ke gore Batswana le bone ba nne le seabe mo dikgatisong tsa ditso tseo.
Ka jalo, o kgothaditse boeteledipele jwa kereke go tsaya boikarabelo go netefatsa gore ba simolodisa letsholo la go phutha ditso dipe fela mabapi le kereke eo.
Mo go tse dingwe, a re kereke ya Lontone e ne e sa ikaega fela ka lefoko la Modimo, e ne e kgathala ka matshelo le ditshwanelo tsa batho. Rre Molale a re seabe seo, se ne sa itshupa fa ba thusana le magosi a lefatshe leno a pele, go ya go kopa tshireletso kwa go Mmamosadinyana kgatlhanong le mmuso wa batho basweu.
Mo mafokong a gagwe a kamogelo, Reverend Phineas Lucas, o supile fa kereke ya UCCSA e na le matlotlo a le mantsi go dikologa lefatshe leno, mme ba simolodisitse letsholo la go ipelela matlotlo ao, e le tsela nngwe ya go nonotsha mowa wa sedumedi gammogo le go leka go kokoanya madi gore ba kgone go a tlhabolola.
O supile fa mo Hukuntsi ba na le kago ya ntlha, le lefelo le le neng le tumileng ka leina la “Makala a phuthego” kwa a tlhalositseng fa batla pele ba supile e ne e e le lefelo le baruti ba pele ba Lontone, ba neng ba kopanela teng go ruta banni ba metse ya Hukuntsi, Lehututu, Lokgwabe le Tshane.
Fa a tlhalosa maikaelelo a letsatsi leo, Mme Leeba Mokope, o tlhalositse fa kereke tsa UCCSA go ralala lefatshe leno ba tshwere megwanto ya go ipelela matlotlo gammogo le go kgobokanya madi go thusa sekolo sa Moeding, Kgodisong le Lephoi.
A re bontlha bongwe jwa madi a, ba a dirisa go tlhabolola mafelo a dikereke tsa dikgaolo tsa bone, mme e bile mo Hukuntsi ba kokoanya madi go feleletsa kago ya bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : HUKUNTSI
Event : Mogwanto
Date : 08 Aug 2022