Ba twantsho borukutlhi ba abelwa dietsele
08 Aug 2022
Go lemoga batho ba ba itlhaopetseng go lwantsha borukutlhi go botlhoka ka go ba tiisa moko, go tswelela ba tshwere mo tirong ya bone.
Se se builwe ke Ramapodisi wa pele, Senior Assistant Commissioner Kesiametswe Gabaake, kwa moletlong wa kabo dietsele tsa twantsho borukutlhi e e neng e tshwaretswe kwa Mahalapye, ka Labone.
Dietsele tse di ne di kgaogantswe ka ditsetlana tse tharo, e le tsa banana ba ba gaisitseng di le thataro(district youth excellence award ), dithopha tse di dirileng bontle mo kgaolong di le 29 (best practice awards/community commitment awards) le tsa ba ba diretseng lenaneo la twantsho borukutlhi lebaka le le leele di le thataro (district veterans awards).
Rre Gabaake o tlhalositse fa ba simolotse lenaneo la twantsho boruthi ka ngwaga wa 1984 ka maikaelelo a go atumetsa sepodisi mo setshabeng ka borukutlhi bo ne bo gola thata ka nako eo, ‘mme morafe o sa kgotswafalele tshireletso ya sepodisi sele nosi.’
“Re ne ra bitsa magosi go buisana ka twantsho borukutlhi le go aga motse gore bana ba seka ba dira bosula. Ke leboga ba twantsho borukutlhi go sa ipona tsapa mo tirong ya bone ya go sireletsa setshaba, lentswa ba na le dikgwetlhong. Tshwarang ka thata,” Rre Gabaake a tlhalosa.
A re twantsho borukutlhi e batla bopelotele le boitshoko ka jalo a rotloetsa ba twantsho borukutlhi go ikgantsha ka dietsele tse ba di abetsweng ka e le sesupo sa gore ba dira tiro e ntle mo setshabeng.
Rre Gabaake o boleletse fa gantsi batho ba tswa mo tseleng fa ba sena go fiwa maemo, mme a gakolola badiredi gore ba seka ba senya bokao jwa bone mme ba tswelele ka go dira ka natla go sa kgathalesege gore a ba bagologolo mo tirong ya bone.
O kopile bogogi jwa motse go tsaya karolo mo twantshong borukutlhi ka kgaolo ya Mahalapye e aperwe ke seru sa seemo se. A re ditlhabololo di tshwanetse tsa tsenya ditsetlana tsa twantsho borukutlhi jaaka dikapa ditshwantsho mo diponeng tsa mosepele gore sepe se se diragalang mo ditseleng se bonwe motlhofo go leka go lwantsha dikgang tse.
Mo godimo ga moo, o tlhalositse fa ditlhabololo tsotlhe mo motseng di tshwanetse tsa nna le ditsetlana tseo tse di lwantshang borukutlhi gore setshaba se nne ka phuthologo gape se babalesegile. Rre Gabaake o kopile gape gore fa ditogamaano di dirwa di tshwanetse le tsone tsa tsenya twantsho borukutlhi mo teng gore kgethololo ya gore sepodisi ga se bereke e eme.
A re kgaolo ya Mahalapye ke yone e simolodisitseng lenaneo le, ka jalo a ba gakolola go dira ka natla gore dikgaolo tse dingwe di tseye malebela mo go bone. A re gope fa morafe o tsamayang teng, o tshwanetse wa bo o babalesegile ka dinako tsotlhe. O supile fa seemo sa borukutlhi se golela pele, mme a gakolola batsadi gore ba nne kelotlhoko mo baneng bogolo jang ka dinako tse ba tsenang mo lapeng ka tsone ka ba sa sireletsega.
Rre Gabaake o kopile gore lenaneo la twantsho borukutlhi le nonotshiwe ka methale e mengwe ka gore mefuta ya borukutlhi e metsi. A re go tshwanetse ga nna le batho ba ba neelang dipego tsa gore borukutlhi bo fetoga jang nako le nako, ka seo se ka thusa go bo lwantsha go yeng pele.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Mogaetsho Dipao wa Taupye, o supile fa borukutlhi bo tshwenya thata mo kgaolong, mme a re seemo se ga se a tshwanela go kgoba mapodisi marapo. Ka jalo, a ba kgothatsa go tswelela ba dira tiro ya bone ka bonatla go sireletsa setshaba.
O supile fa bana ba senya ka dipalo tse di kwa godimo, mme a kopa gore seemo se se emelwe ka dinao se ise se kekele.
Kgosi Dipao o akgoletse maloko a lenaneo la twantsho borukutlhi go direla lefatshe la bone ka bonatla le botswapelo, ka tiro e ele boithaopo.
O kopile setshaba go ba thusa mo go lwantsheng borukutlhi gore lefatshe le nne le tshaba e e babalesegileng.
Modulasetilo wa Khansele-potlana ya Mahalapye, Rre Bantlhasetse Merementsi, o akgoletse banana go tsaya karolo mo tirong e, mme a ba rotloetsa go tshwara ka batla gore go nne le tshireletsego. Rre Merementsi o lebogetse badire ba pele go dira tiro e ntle ba sa leba gore ba atswiwa bokae, mme ba netefatsa gore setshaba se sireletsegile.
O gakolotse le ba sepodisi go tshwaragana thata le ba twantso borukutlhi gore setshaba se ba lemoge, a bo a ba rotloetsa go dira ka natla lentswa bana le dikgwetlho tse dintsi mo tirong ya bone. Bokhutlo BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaone Fati
Location : MAHALAPYE
Event : Moletlong wa kabo dietsele
Date : 08 Aug 2022