Breaking News

Madi a bagodi a tlodisa melatswana

07 Aug 2022

Le ntswa ba eletsa gore lemme le ba le bonang kgwedi le kgwedi go tswa kwa pusong le okediwe, bagodi bangwe kwa Serowe ba itumelela go bo ba kgona go oba letsogo.

Mongwe wa bagodi Rre Gosalamang Sennye wa kgotla ya Sekao, o tlhalositse mo potsolotsong ka Labobedi jaaka a ne a ile go amogela gore madi a bagodi a mo thusa thata ka jaana a kgona go fepa ba lelwapa la gagwe ka one.

Rre Sennye o kaile  gore e re ka jaana bana ba gagwe ba babedi ba ne ba senyegelwa,ke ditiro mokgweleo wa go tlamela ba lwapa la gagwe o ne wa wela mo magetleng a gagwe, mme a supa fa boikarabelo joo a bo leka ka madi a gagwe a bagodi, le ntswa gone a sa lekana go ka dira tsotlhe.

“Ka madi a teng ga se madi a a kalo, ga a fela re boa re iphotlhara gape,” a kaya jalo.

Rre Sennye o supile fa mogopolo wa dikarata o ka thusa bagodi thata ka o ka ba nolofaletsa go bona dikatso tsa bone.

Le fa a nesetsa pula seabe sa madi a bagodi mo botshelong jwa gagwe, Rre Ntwakgolo Tshwaedi, 63, wa kgotla ya Makanana o eletsa dingwe di ka tokafadiwa go fefosa dikamogelo.

A re mela e meleele e bagodi ba tlholang mo go yone ga e a lebana ka mo mabakeng a mangwe ba patelesega go botabota kwa diposong ka tatelano ya malatsi ka go kgona go tswalwa bangwe ba ise ba thusiwe.

O supile fa ba kile ba direlwa dikarata tsa dikamogediso mme di ne tsa seka tsa tsena mo tirisong.

A re dikarata tseo di ka bo di thusa gore ba seka ba bolawa ke mosepele wa go tla posong kgwedi le kgwedi.

Mme Sarah Molapisi ene o tlhalositse fa madi a bagodi a na le ditiro tse dintsi.

A re madi a gagwe a tsweletse ka go tlodisa ba lwapa la gagwe melatswana segolo jang ka bana ba gagwe ba sena letseno lepe ka ntlha ya letlhoko la ditiro.

Mme Molapisi a re ka ntlha ya morwalo o o bokete wa go tlamela malwapa  o bagodi ba o rweleng, puso e tshwanetse ya sekaseka ya ba ya akofela go ba okeletsa madi.

Rre Rebaone Gaanaope wa dingwaga tse di masome a mararo le boraro (33), yo ene a amogelang madi a itshetso a ba-nale-bogole, o boletse fa madi a gagwe a mo thusa go menagane.

A re lemme le a le amogelang le mo thusa thata ka o kgona go pagama go ya go bona ba bongaka. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Patricia Speakson

Location : SEROWE

Event : Potsolotso

Date : 07 Aug 2022