Breaking News

Bolwetse bo tlhasetse leruo

07 Aug 2022

Banni ba motse wa Sorilatholo mo kgaolong ya Takatokwane ba lela ka bolwetse jwa metsi a pelo jo bo tlhasetseng leruo la bone.

Mongwe wa barui ba motse oo, Mme Mmamontle Motshebe o boletse mo potsolotsong nngwe ya diphoko tsa gagwe e bolailwe ke bolwetse joo. Mme Motshebe a re sebe sa phiri ke gore bolwetse jwa metsi a pelo bo tsere phekelo e sele ka jaana ba setse ba latlhegetswe ke dipudi, dinku le dipotsane di ka nna masome matlhano (50) mo sebakeng se sekhutshwane.

Mo go la gagwe, Rre Basaletse Motshebe o boletse fa  e rile fa leruo la bone le simolola go swa ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang go le boloka matshelo mme ba seka ba atlega.

Rre Motshebe o ne a bua ka khutsafalo a tlhalosa fa ba ne ba itsise ralophalo wa kgaolo eo yo o neng a ba kaela melemo mengwe e ba ka e rekang go leka go thusa leruo la bone mme ga seka ga nna le tema epe.

“E rile kwa phelelong ke fa re setse re lapile ke go buwa dipudi mme ra kopa baagisanyi go tla go ithusa ka e bile go ne go ama go bona leruo la rona le swa ka dipalo tse di kwa godimo mme re sa itse gore re ka le thusa jang,” a tlhalosa.

Rre Motshebe a re go ngomola pelo gore e re barui ba leka thata go intsha mo lehumeng ba bo wela ke seru ka jaana bolwetse joo bo sa ama bone ba le nosi mo kgaolong eo. A re ba setse fela ka boitlhobogo ka jaana ba sa tlhole ba itse gore ba dire jang go boloka dihutshane tsa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : SORILATHOLO

Event : Potsolotso

Date : 07 Aug 2022