Bomme ba rotloediwa go emela maemo
07 Aug 2022
E re ka bomme e le batho ba ba pelotelele e bile ba le tlhaga ba tshwanelwa ke go emela maemo a boruti le boeteledipele mo kerekeng.
Bokgoni jwa bone bo supagetse le mo Baebeleng ka Marea, Ruta, Rabeka le ba bangwe ka jalo bomme lefatshe ka bophara ba tshwanetse go itlama go nna le seabe mo kerekeng
Motshwarelela Kgosi ya Batawana Kgosi Kealetile Moremi o buile mafoko a kwa bokopanong jwa bomme ba kereke ya Head Mountain of God Apostolic Church in Zion kwa Maun ka Matlhatso.
A rotloetsa bomme ka kereke e Botswana ka bophara go emela maemo mo kerekeng.
“Motho wa mme o na le bokgoni, ke senatla o pelotshweu ebile wa godisa sepe se a se tshwarang ka mabogo a gagwe ka jalo ke solofela fa le lona bomme ba Head Mountain le ntse jalo, “ Kgosi Mormi a tlhalosa.
O tsweletse ka gore kereke ya Head Mountain ke kereke e tona ka e aname le mafatshe a mabapi kwa Zimbabwe, Zambia, Namibia le South Africa ka jalo a kopa bogolwane jwa kereke gore ba nne ba akaretsa banana mo ditirong dipe tsa kereke gore ba anywe maele.
O kopile bomme gore ba seka ba gogobisa leina la bomme mo seretseng ka go rekisetsa bana ditagi tse di ka senyang bokamoso jwa bone.
Kgosi Moremi a re go ngomola pelo go bona bomme ba na le seabe mo go senyeng bokamoso jwa ngwana wa mosetsana ka go fitlha dikgetse le badiramelato ba ba tlhakanelang dikobo le bana ba ba kwa tlase ga dingwaga di le lesome le boferabobedi.
Kgosi o lebogile kereke go bo e tsere tshwetso go tshwarela bokopano jwa bomme mo Maun a re se se tla godisa motse wa Maun le go ruta ka dikgwetlho tse di amang bomme ka ebile motse wa gagwe o amilwe ke dipolaano, kgokgontsho ya bong, le dipetelelo.
Modulasetilo wa lekgotla la bomme mo kerekeng ya Head Mountain Mme Kebabonye Paledi a re bomme ke konokono ya malwapa ka go bo ba filwe botlhale le nonofo ya go tsisa kagiso ke Modimo.
A re kereke ya bone e dumela fa motho wa mme a na le bokgoni jwa go etelela pele ka jalo ba na le diphuthego tse di eteletsweng pele ke bomme mo Botswana.
O kgothaditse batsena phuthego go ruta bana ba bone go tlotla bomme a re se, se tlaa dira gore ngwana wa mosimane a gole a itse gore mme ga a kgokgontshiwe.
Mme Paledi a re kereke ya Head Mountain e nale maloko a le 5 400 mo Botswana mme 2 593 e le bomme.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Boyei Rre Ntlogelang Kebonyekgotla o ne a leboga kereke go bo ba tshwaretse phuthego mo Maun a re se se tlaa godisa dikgwebo mo Maun ka batsenelela phuthego ba robala kwa dioteleng, ba dirisa dipalamo tsa setshaba le go reka mo marekisetsong a Maun.
O buile fa Maun e le boremelelo jwa bojanala ka jalo a kopa batsena phuthego go gasa molaetsa fa ba boela kwa gae ka bontle jwa Maun.
Mokhanselara Kebonyekgotla o kopile bomme go bereka ka natla mo tirong ya kereke a re se, ke pitso ya Modimo a re bomme ba na le bokgoni jwa go ka etelela pele lefatshe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Ikgopoleng
Location : MAUN
Event : bokopano jwa bomme ba kereke
Date : 07 Aug 2022