Go tlhongwa ga kgaolo e nngwe go ka tlhofofatsa tiro
07 Aug 2022
Banni ba metse ya Tshesebe, Butale, Senyawe, Jackalas No 2, Themashanga, Mowana, Mabudzane mo kgaolong ya botlhophi ya Tati Botlhaba, ba kopile gore go tlhongwe kgaolo e nngwe ya boraro mo kgaolong ya Bokone Botlhaba.
Fela jaaka bakaulengwe ba bone ba kgaolo ya botlhophi ya Tati Bophirima, banni ba metse eo, ba supile fa go tlhongwa ga kgaolo e nngwe ya botlhophi ya bopalamente go ka tlhofofaletsa baemedi ba bopalamente tiro.
Ba kopile se mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke lekoko le le sekasekang go kgaoganngwa ga melelwane ya dikgaolo tsa botlhophi kwa Tsamaya bosheng.
Ba re go le gantsi mapalamente a bone a na le go rwesiwa boikarabelo jwa go nna matona mme seo se dire gore ba rwale dikgetsi tse pedi tse di ba imelang, mo go feletsang go baka gore ba seka ba nna le nako e ntsi ya go ba lekola mo metseng ya bone ka go farologana.
Ka jalo, ba re go tlhongwa ga kgaolo e nngwe go tlaa ba fokoletsa palo ya metse mme go ba thuse go nna le nako e ntsi ya go ba lekola.
Ba supile gape fa kgaolo e saletse kwa morago ka ditlhabololo ka ntlha ya go bo baemedi ba bone ba tshwara phage ka mangana, ba imelwa ke bokete jwa kgaolo ka e bile e aname, ka moo ba retelelwa ke go e fitlhelela.
Ba re go le gantsi fa mapalamente a tshwara diphuthego tsa kgotla, ba bo ba le makgabe a dipapetla, ba leka ka bojotlhe go goroga kwa metseng yotlhe ya kgaolo.
Kgaolo ya Bokone Botlhaba e na le dikgaolo tsa botlhophi di le pedi ya Tati Botlhaba le Tati Bophirima.
Banni bane ba tswelela ba supa fa ntlha e nngwe e e ba gwetlhang go kopa kgaolo e nngwe, e le seemo se se maswe sa ditsela dingwe tse di lomaganyang metse mengwe ya kgaolo, ba tlatsa ka gore metse e mengwe e kgakala le ditlamelo mme kgaolo e nngwe e ka thusa gore ditlamelo dingwe di atumele setshaba.
Fa a fa sekai ka ofisi ya mopalamente ya Tati Botlhaba, Rre Moswela Dintweng wa Tsamaya a re go tlhongwa ga yone kwa toropong ya Francistown go baya banni ka fa mosing, ka e bile bangwe ba sa itse toropo eo sentle mme go le thata go itse kwa ofisi eo e leng teng.
Ka moo, Rre Dintweng a re kgaolo e nngwe ya boraro e ka thusa gore ofisi eo e tlhongwe gaufi le metse e seng kwa toropong.
Bangwe ba baemedi ba metse eo, ba ne ba tlhalosetsa lekoko ka fa ba eletsang dikgaolo di ka kgaoganngwang ka teng le gore metse e ka kopanngwa jang.
Moemedi wa motse wa Butale, Rre Fixen Mchive a re dikgaolo tseo e nne Bukalanga East, e e tla akaretsang metse ya Jackalas No 2, Siviya, Mabudzane, Tsamaya, Ramokgwebana, Senyawe, Mowana, Tshesebe, Themashanga, Kgari, Butale, Jackalas No1, Moroka, Mapoka, Nlapkhwane, Masukwane le Pole.
Rre Mchive a re e kgaolo e nngwe e nne Bukalanga Borwa e kopantse metse ya Matsiloje, Matlopi, Patayamatebele, Ditladi, Tati Siding, Shashe Bridge le Matshelagabedi.
A re kgaolo ya boraro e ka nna Bukalanga Bophirima, yone e bopiwa ka metse ya Zwenshambe, Mulambakwena, Mosojane, Masunga, Gambule Gungwe Mbalambi, Sekakangwe, Kalakamati, Vukwi, Letsholathebe, Sechele, Mambo, Masingwaneng, Gulubane, Matenge, Makaleng, Toteng le Botalaote.
Bangwe ba batsena phuthego eo, bone ba ne ba eletsa fa dikgaolo tseo e ka nna Tati Borwa, Tati Botlhaba le Tati Bophirima, ba bo gape ba kopa gore metse ya Ramokgwebana le Jackalas No1 e busediwe kwa kgaolong ya Tati Botlhaba jaaka go kile ga bo gontse.
Go sale foo, banni ba motse wa Siviya ke bone fela ba nnileng le mogopolo o o pharologanyo, ka jaana ba re fa ba lebeletse ka fa dipalo di ntseng ka teng, dikgaolo tsa Bokone Botlhaba di nne fela jaaka di ntse.
E ne e rile go le pele, moeteledipele wa lekoko leo, moatlhodi wa kgotla kgolo ya ditsheko, Rre Mokwadi Gabanagae a itsese banni ba Tati Botlhaba fa mo palo batho ya mono-ngwaga dipalo di supa fa kgaolo ya bone e na le batho bale 38 485 fa go bapisiwa le palo ya 30 881 ya 2012. O ne a supa fa dipalo tse di tlhokegang go bopa kgaolo e le 41 396, a re mme ga go lebelelwe seelo fela, go na le dingwe tse di sekasekiwang fa go bopiwa kgaolo jaaka dilo tse di kopanyang merafe di akaretsa mekgwa, puo, ngwao le tse dingwe.
Moatlhodi Gabanagae a re dingwe tse di lebelelwang ke tsa ditlhaeletsanyo, popego ya lefelo le tse dingwe fela jalo, tse di ka bakang gore kgaolo e nne le palo e e kwa tlase kgotsa e e fa godingwana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : TSAMAYA
Event : phuthego ya kgotla
Date : 07 Aug 2022