Breaking News

Lekgotla le tsibosa banni ka molao o mosha

04 Aug 2022

Paakanyo ya molao wa kabo ditsha (Tribal Land Act) e tlaa rarabolola dikgwetlho tse di amanang le tiriso ya lefatshe.

Banni ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba tlhaloseditswe se mo phuthegong e e neng e buisiwa ke ba lekgotla la kabo ditsha la Tati mo Masunga bosheng.

 Maikaelelo a phuthego eo e ne e le go ba tsibosa banni ka molao o mosha o o tsamaisang makgotla a kabo ditsha wa Tribal Land Act 2018.

Mothusa mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha la Tati, Rre Dothodzo Tabengwa o ne a tlhalosa fa molao oo, o ntsha mo tirisong wa Tribal Land Act 1968.

Rre Tabengwa o boletse fa phetogo eo e ne e direlwa go leka go tsamaelana le dinako tsa gompieno le go itepatepanya le dikgwetlho dingwe mabapi le tiriso ya lefatshe jaaka go sa kwadisiwa le go sa bewa ka fa molaong ga ditsha, selo se a boletseng se kgoreletsa ditlamelo dingwe.

O boletse fa molao o mosha o pateletsa batho go kwadisa ditsha tsotlhe tse ba nang le tsone kwa lekalaneng la Deeds Registry, a re thulaganyo eo e e simolotseng ka kgwedi ya Moranang, e direlwa kwa makgotleng a kabo ditsha mme e tlaa wela ka kgwedi ya Lwetse monongwaga.

O ne a supa fa a tlhobaediwa ke ka fa setshaba se leng maoto a tshupa ka teng go tsibogela thulaganyo eo.

Ka jalo o ne a rotloetsa banni go gololesega go isa tse di tlhokafalang mo kwadisong eo kwa lekgotleng la kabo ditsha lengwe le lengwe le le gaufi.

O ne gape a ba gakolola go tlhomamisa gore ba kwala maina a bone jaaka a tlhomagantswe mo dikarateng tsa Omang.

Rre Tabengwa o ne a tswelela a tlhalosa fa jaanong ditirelo dingwe tsa kabo ditsha di tlaa bo di duelelwa gape go na le dithulaganyo dingwe tse disha tse setshaba se tlaa tshwanelwang ke go di diragatsa. O tlhaloseditse banni gore jaanong go fetisetsa setsha kwa mongweng go duelelwa P3 000. A re le fa gontse jalo, ga go sa tlhole go tlhoka gore go bo go dirilwe tlhabologo epe mo setsheng jaaka pele.

A re ope yo o fetisetsang setsha kwa go motswakwa, o tlamega go anamisa mo Government Gazette mo malatsing a a seng kwa tlase ga masome a mararo ga mmogo le mo pampiring nngwe ya dikgang. Rre Tabengwa a re go anamisa moo, go direlwa gore fa go ka nna le Motswana yo o supang keletso e nne ene a lejwang pele.

Fa a tlhalosa go ya pele ka dituelo tseo, o boletse fa go fetisetsa setsha sa boswa kwa mongweng gone go lopiwa P200 fa kopo ya setsha jaanong e lopiwa P50.

Go sale foo, fa motho a beilwe setsha mme a timelelwe ke fa mekono e tshwanetseng go nna teng, mme a batla go supediwa gape, o duela P500 fa e le setsha sa bonno, tshimo ke P100 fa polasi yone e lopiwa P500.

Mo go tse dingwe, Rre Tabengwa o ne a tlhalosa fa mo tsamaong ya nako, morago ga kwadiso ya ditsha, beng ba ditsha ba tlaa fiwa ditlankana tse disha tse di tlaa emisetsang tse ba nang natso mo nakong eno.

A re ba tlaa di fiwa mahala mme fa setlankana se ka latlhega, go dira se sesha e le P1 500, ka jalo a gakolola setshaba go netefatsa gore ba a di tlhokomela.

Mokhanselara wa kgaolwana ya Masunga, Rre Edward Gazageni o ne a gwetlha banni go tsholetsa dinao go tsibogela go kwadisa ditsha tsa bone le gone go itsa go tshologela kwa lekgotleng la kabo ditsha ka motsotso wa bofelo.

Banni ba Masunga ba ne ba ngongoregela ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa ditirelo dingwe, ba bo gape ba supa fa sebaka se se beilweng sa kwadiso ditsha se le se khutshwane.

Ba re ba na le pelaelo ya gore bangwe ga ba na go tshwara nako e e beilweng ka e bile dingwe tse di tlhokiwang ba sena tsone mme ba tshwanelwa ke go di latedisa mo maphateng a a lebaneng.

BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Phuthego

Date : 04 Aug 2022