South Africa o leboga Batswana
04 Aug 2022
Batswana ba lebogetswe bo pelotlhomogi le bo pelotele mo go thuseng lefatshe la South Africa go bona kgololesego le puso ya batho ka batho.
Fa a bua kwa phuthegong ya tsa papadi le kgwebo ya mafatshe Botswana le South Africa mo Gaborone maabane, Tona ya tsa Mafatshe a sele le Tirisano wa South Africa, Mme Naledi Pandor a re mafatshe oo mabedi a na le tirisano mmogo e e faphegileng ebile e nonotshiwa ke go tshwaraganela molelwane wa sekgala se se telele go feta sa mafatshe a mangwe.
A re phuthego e e tsile ka nako e e maleba jaaka mafatshe oo mabedi a ipelela dingwaga tse di masome mabedi le boferabobedi tsa tirisano mmogo e e edileng.
Mme Pandor a re mo ipelelong dingwaga tsa tirisano mmogo, ba South Africa leboga lefatshe la Botswana go tsaya karalo e e kwa godimo mo go tlhomamiseng gore ba bona kgololesego le boipuso go tsweng mo pusong ya tlhaolele.
A re bontsi ja balwela kgololesego ba fetile ka lefatshe la Botswana ba tsaba kgokgontsho e e mashetla go tsweng mo pusong ya Maburu, fa ba bangwe bane ba filwe boroko ke bangwe Batswana jaaka bo rre Fish Keitseng kwa Lobatse.
Tona Pandor a re ga se mongwe le mongwe yo o neng a ka tsaya ditshwetso tse di tshwanang le tse Batswana ba neng ba di tsaya ba tsenya matshelo a bone le a malwapa a bone le a lefatshe tota mo diphatseng tsa go fitlha ba lwela kgololesego jaaka bo Rre Nelson Mandela le ba bangwe ba baneng ba batliwa ka matlho a mahibidu ke babusi ba Maburu.
A re e tla a re ka kgwedi ya Diphalane ba bo ba keteka dingwaga tse di masome a marataro tsa bo kopano jwa ntlha jwa phathi ya bone ya ANC jo bo neng bo tshwaretswe kwa ntle ga lefatshe la Aferika Borwa ka ngwaga wa 1962.
A re bokopano jo bo ne bo tshwaretswe kwa Lobatse.
Mme Pandor a re gore e bo ele tona jaana ke ka ntlha ya lorato le pepetletso ya Batswana a supa fa a tsene sekolo mono kwa sekolong se se golwane sa Gaborone Secondary School mme yare morago a ya go tsena kwa sekolong sa ithutelo tiro sa University of Botswana.
A re ene yare go fetseng kwa mmadikolo o ne a ya go ruta kwa Seepapitso Secondary School kwa Kanye, a supa se fa ele yone kgolagano ya gagwe le Batswana gammogo le lefatshe la Botswana e e mo fang seriti sa go nna Motswana wa popota.
O kopile boradikgwebo le bommadikgwebo ba mafatshe oo mabedi go tshwaragana go direla batho ba mafatshe a bone ditiro le go itirela dithoto ka seo se ka fokotsa go ikaega ka mafatshe a sele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aubrey Maswabi
Location : GABORONE
Event : Phuthego
Date : 04 Aug 2022